Boora Maphorisa ba abela sekole motshine
10 Apr 2022
Ba lelwapa lwa ga Rre Patrick Maphorisa kwa Mosojane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tsweletse ka maitlamo a bone, a go thusa fa ba lemogang letlhoko teng.
Ka Labone ba ne ba rolela sekole se se botlana sa Mosojane mpho ya motshine o o ntsifatsang dipampiri.
Fa a rolela botsamaisi jwa sekole mpho eo, Rre Maphorisa, yo gape e leng mookamedi wa Buyezelo Guest Lodge kwa Masunga, a re mpho eo ke karabo ya selelo sa letlhoko la motshine oo.
A re morago ga go utlwa selelo ba ne ba thulanya ditlhogo mo lwapeng mme ba dumalana go thusa.
Rre Maphorisa a re ba dirile jalo ka lorato, a supa botlhokwa jwa gore batho ba gwetlhege go nna le lorato, le le supagalang ka ditiro, a tlatsa ka gore motho fa a na le lorato go nna motlhofo mo go ene go thusa fa go nang le botlhoki teng.
A re e ne ya re a tlogela tiro ya bodirelapuso a itlama go tswelela a itirela sengwe le go direla motse wa Mosojane le lefatshe la gagwe fa go kgonagalang teng.
Jaaka mogokgo wa pele, Rre Maphorisa a re keletso ya gagwe ke go bona baithuti ba phaphasela mo dithutong tsa bone, ke ka moo e rileng a lemoga letlhoko a seka a ipona tsapa mme a thusa.
A re o dumela mpho eo, e tla rotloetsa bana, barutabana le batsadi go nna le seabe se se tseneletseng mo thutong, a tlatsa ka gore seo e tla nna thuto gape mo go ba bangwe, go tsoga le bone ba thusa fa go tlhokafalang teng.
Rre Maphorisa a re puso e dirile go le gontsi mo go ruteng Batswana, ka jalo ba tshwanetse ba ipotse ka se ba ka se dirang go leka go busetsa sengwe mo lefatsheng.
O bile a solofetsa fa a tla tswelela a thusa fa a kgonang teng, a gakolola ba Mosojane gore ba seka ba tshaba go mo atumela fa ba na le botlhoki.
Mo mafokong a gagwe, mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa ko moding kwa Masunga, Rre Gaobotse Mokomane o ne a lebogela seabe le lorato le lelwapa loora Maphorisa mo motseng wa Mosojane.
Rre Mokomane a re go a itumedisa go bona Rre Maphorisa a supa lorato la gagwe mo thutong ya bana le mo motseng wa gagwe, mme a dira seo ntle le go batla go itshupa mo bathong le go lopa tefo epe, a re seo ke go itirela leina le le ntle a sale botshelong.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Gloria Tom le modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Mafight Machangana ba ne ba lebogela mpho eo, ba bo ba solofetsa go ntsha maduo a a nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOSOJANE
Event : kabo mpho
Date : 10 Apr 2022