Breaking News

A go bewe seelo sa nako e mmelaelwa a tshwanetseng go seka

07 Apr 2022

Molao-motheo o tshwanetse wa papamala gore ope yo o gogetsweng fa pele ga lekgotla la ditsheko go arabela molato a sekisiwe mo sebakeng se se kae.

Fa a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo megopolo maabane, monni Rre Marang Ramahobo o boletse fa temana ya bolesome ya molao-motheo e tlhalosa fa mmelaelwa a tshwanetse a lebisiwa molato a bo a sekisiwa mo sebakeng se se amogelesegang mme seo se le bogole ka go sa bewa seelo sa gore sebaka seo ke se se kae.

A re fela jaaka molao-motheo o papametse gore palo ya batho le kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi di tshwanetse tsa dirwa morago ga tse kae, go tshwanetse ga tlhongwa nako e mo go yone mmelaelwa a tshwanetseng gore a bo a sekile.

Rre Ramahobo o ne gape a kopa gore molao o thibele go ka tlhagoga ga kgotlhang mo gare ga merafe tebang le ka fa merafe ka go farologana e dirang dilo ka teng.

Fa a a fa sekai o ne a supa gore fa morafe mongwe o nale ditsela tse o sireletsang ditsa-tlholego ka tsone, mme batho go tswa kwa morafeng o sele a bo e re go tla go aga le one ba bo ba dira dilo ka tsela e e pharologanyo go ka tlhagoga kgotlhang mo gare ga merafe eo.

Fa a bua boemong jwa Kamanakao Association Mme Ogomoditse Matebele o ne a kopa gore ditsetlana tsotlhe tsa molao-motheo tse di nang le kgethololo ya mothale ope fela di phimolwe, go akaretsa le melao yotlhe ya pele ga boipuso e e rotloetsang go tlhoka tekatekano ga merafe.

Mme Matebele a re lekgotla leo gape le eletsa gore molao o emise go bitsa dikgaolo le makgotla a tshwana le a kgabo-ditsha ka maina a merafe mengwe, mme boemong jwa seo go dirisiwe maina a a sa tlhaoleng batho bape.

Monni yoo o ne a iteela Tautona Dr Mokgweetsi Masisi legofi go bo a nnile pelokgale go bolotsa lekoko go sekaseka molao-motheo.

Se, a re se fa morafe wa gaabo wa Bayei tsholofelo ya gore selelo sa bone sa dingwaga-ngwaga sa go batla go lemogwa mo go feletseng ke molao se tlaa arabesega.

Moemedi wa legotla la baruti Rre Sanders Moyo ene o ikuetse mo lekokong gore molao-motheo o tlame puso go tlamela setshaba ka tse di botlhokwa di akaretsa ditirelo tsa botsogo, thuto le bonno magareng ga tse dingwe.

Rre Moyo obile gape a supa fa ba eletsa gore ditshwanelo tsa mmangmang tse di mo molao-motheong di seka tsa fetolwa.

Go sale foo, o kopile gore molao o tlame puso go tlhomamisa gore mekgwa ya Sekeresete e a sireletsega gore setho sa lefatshe leno se tle se tswelele e le se se eletsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : GUMARE

Event : Tshekatsheko molao motheo

Date : 07 Apr 2022