Breaking News

Dikereke di rotloediwa go tsaya boikarabelo

07 Apr 2022

E re jaaka malatsi a paseka a atumela, bakgweetsi ba badipalamo tsa sechaba, ba rotloediwa go ipaakanyetsa mesepele e meleele nako e sale teng, go hema dikotsi tsa tsela mo malatsing ao.

Modiri kwa lephateng la tsa mesepele ko Selebi Phikwe, a itebagantse le diteseletso tsa mesepele, Mme Goaba Lesole a re go ipaakanyetsa mosepele nako e le teng go ka thusa thata go babalela matshelo.

Mme Lesole o buile se kwa dithuto-seka-dipuisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng ko Selebi Phikwe  ka Laboraro. 

Dithuto-seka-puisano tseo di ne di tsenwe ke baeteledipele ba dikereke le ba-na le-seabe ba bangwe.

O supile fa  lephata la dipalamo le  tshwenyega thata jaaka malatsi a paseka a atumela ka e le nako e gantsi matshelo a batho a latlhegang ka bontsi ntateng ya dikotsi tsa tsela. 

A re ka jalo ba bone go le maleba go kopana le ba-na-le-seabe ba tshwana ba sepodisi, dikereke, Motor Vehicle Accident  Fund le ba bangwe go bua ka maano a go fokotsa dikotsi.

Mme Lesole a re go ipaakanyetsa mosepele nako e santse e le teng go ka thusa, gape go fokotsa mosuke kwa diofising le go tlhomamisa gore dikoloi tse ba tsamayang ka tsone di babalesegile. 

O supile fa ele boikarabelo jwa boeteledipele jwa dikereke go tlhomamisa gore dikoloi tse ba tsamayang ka tsone di itekanetse le gore  bakgweetsi ba na le diteseletso tsa go kgweetsa setshaba.

O tsweletse a kgothatsa baeteledipele ba dikereke go nna ba dira ditumalano le ba ba dirisanang nabo, go itsa dikgogakgogano, a supa fa  dikgang tsa go nna jalo di ba tshwenya kwa lephateng.

 E ntse e le kwa dithuto-se-ka-dipuisanong tseo, Constable Gaopotlake Kemoneilwe wa sepodisi sa  Selebi Phikwe a re ba tshwentswe thata ke dikoloi tse di tsamayang mo ditseleng, mme di sa itekanela.

O ne a rotloetsa ba ba tlaabong ba tsaya mesepele ka malatsi a paseka go dirisa dipalamo tsa setshaba go babalela matshelo.

 A re ga ba na go ipona tsapa go tlhomamisa gore melao ya tsela e salwa morago ka nako tsotlhe. O ne gape a re komiti ya ipabalelo tseleng e tshwanetse go lebogwa ka e dira tiro e tona ya go tsibosa le go ruta setshaba ka fa ba tshwanetseng go itshwara  ka teng mo ditseleng.

Rre Super Ramothei, go tswa kwa lekalaneng la tsa ditima melelo mo Selebi Phikwe, ene o ne a rotloetsa ba ba tlaa tsayang mesepele ka malatsi a boitapoloso go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di na le ditlamelo tsa thuso ya potlako (First Aid kit), a re di ka thusa fa go tlhaga kotsi, pele ga ba ba maleba ba goroga. 

Rre Ramothei o supile fa ba lephata la botsogo ba dirile maiteko a go fudusetsa di ambulance kwa go ba setima molelo gore fa go diragala kotsi ba kgone go e tsibogela ka bonako. O ne a rotloetsa setshaba go dirisana le bone ka botswapelo le mewa e e edileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Thuto puisano

Date : 07 Apr 2022