Go lwantsha kgokgontsho go tlhoka botlhe
07 Apr 2022
Boeteledi pele jwa metse ya Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam bo kopilwe go tshwaragana le morafe le ba-na-le seabe botlhe go lwantsha kgokgontso e e tsweletseng ka go kekela kwa metseng eo le lefatshe ka bophara.
Kgosi Charles Hendricks wa Bokspits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o ntshitse kgothatso eo ka bosheng mo thuto puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi, mme e eteletswe pele ke komiti ya twantsho borukutlhi.
Maikaelelo e ne e le go rutuntsha boeteledipele ka dikgang tsa kgokgontso.
O ne a gwetlha batsadi go itsaya motlhala ka fa ba godisang bana ka teng go simolola fela fa ba sale bannye kwa malwapeng ka gotwe “lore lo ojwa lo sale metsi.” A tlatsa ka gore seo se ka ba thusa go nna le boitshwaro jo bo amogelesang mo setshabeng .
Kgosi Hendricks o supile fa kgokgontso ya bong e na le ditla morago tse di utlwisang botlhoko, ka di felela di thuba malwapa, mme bana ba sale mo legoeleleng fa bangwe ba sala e le dikhutsana mme seo e nne morwalo wa puso go ba tlhokomela.
O ne kopa batsadi go supa lorato ka nako tsotlhe mo baneng ba bone, le gone go ba kaela ditsela tse di siameng tsa botshelo ka go nna sekao ka tlotlo le kutlwano gore kwa phelelong go rene kagiso mo malwapeng a bone.
Kgosi Hendricks a re e re lentswa borre e le bone modi wa kgokgontsho, ka go kgokgontsha bomme le basetsanyana, o supile fa le bo ne ba kgokgontshiwa ke bomme mme le fa go ntse jalo ba felela ba tlhabiwa ke ditlhong go ya go ikuela.
Sebui sa letsatsi, Mme Tsholofetso Kombani go tswa Lephateng la Bong mo Tsabong, o ne a tlhalosa fa go na le mefuta e e farologaneng ya kgokgontso, e akaretsa ya maikutlo, ya tlhakanelo dikobo, ya kiteo le ya tsa madi, mme e ka ama ditlhopha kana mongwe le mongwe, mosadi kana monna e mo diragalela mo sephiring kana mo phatlalatseng.
Mme Kombani o tlhalositse fa 37 per cent ya bomme mo lefatsheng leno ba kgokgontshitswe mo nakong ya bone ya botshelo e le baratani le ba eseng baratani.
O boletse fa dipatlisiso di supile fa kgaolo ya Kgalagadi Borwa e le ya borataro mo Botswana ka 45 per cent ya bomme ba kgokgontshiwa le 43 per cent ya borre ba itemogetse kgokgontsho.
O boletse fa puso e dira maiteko a go nyeletsa kgokgontso ya bong, ka ngwaga le ngwaga e seegela kwa thoko malatsi a le lesome le borataro go bolotsa letsholo kgatlhanong le kgokgontsho lefatshe ka bophara.
A supa fa gape letsholo la letsatsi la mafatshefatshe la bomme, borre le ba-na-le bogole, letsatsi la mafatshe la bolwetsi jwa AIDS a a tshwarwang ngwaga le ngwaga a ka thusa go fetisa molaetsa ka kgokgontso ka go sena ope yo o e bayang sebete.
Mme Kombani o gwetlhile gape boeteledipele jwa metse eo go tswelela ba dira mmogo le bodirelapuso ga mmogo le dikomiti tsa metse go ruta setshaba ka kgokgontso ka go ka thusa go fetola boitshwaro jwa bone ka fa ba tshelang le ba bangwe ka teng.
Mmaboipelego wa Bokspits, Mme Salvation Saokwa a re ga ba jesiwe diwelang ke dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang tse di amang bana, ka bagolo bangwe ba di itlhokomolosa ka go bipa mpa ka mabele.
A re dingwe dikgang ke tsa tlhakanelo dikobo le bana ba bannye gammogo le bangwe ba masika ba ba dirisang bana botlhaswa.
O boletse fa molao wa bana wa Children’s Act 2009 o supa fa ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go akola tsa thuto, botsogo, dijo le diaparo le gone go fiwa bothito jwa lorato ke batsadi botlhe, selo se a reng batsadi bangwe ba itlhokomolosa bana ka go sa ba neele tsotlhe tse ba di tlhokang.
E re lefa go ntse jalo, ba boipelego ba lemogile fa go na le bomme bangwe ba ba itirisetsang madi a bana a tlhokomelo go tswa kwa lekgotleng la ga Mmakaseterata, selo se a supileng fa e le kgokgontso mo go borre le bana.
O boletse fa gape batsadi bangwe ba ruta bana boitsholo jo bo sa siamang ka ba dirisa botlhatswa nnotagi le go goga metsoko fa pele ga bone, selo se a reng bana ba felela ba kopa seo.
Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July a re mo ngwageng tse tharo tse di fetileng, ba gatisitse dikgang tsa kgokgontsho mo motseng di le dikete di le masome a mabedi le bosupa, tsa petelelo di le thataro, tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga lesome le boherabobedi di le tlhano, fa tsa matshosetsi a polao di supa, tsa tiriso ya matlhapa di le masome a mabedi gareng ga tse dingwe.
Superintendent July o ne a supa fa maikaelelo a bone e le mapodisi e le go tsibogela dikgang tsotlhe tsa kgokgontso morago ga go di begelwa kana ba belaela, mme sebe sa phiri e le dingwe tse di sa gorogeng kwa go bone selo se a supileng fa ba dira molato ba tlaa seke ba kgone go tseelwa dikgato tse di maleba.
Fa a tlhalosa maikaelelo a thuto puisano tseo, modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi ya BORAVAST, Rre Fredrick Yster a re e ne e le go tsibosa setshaba ka dikgang tsa kgokgontso, go ba fa dikitso tse di maleba ka fa ba ka di tshwarang ka teng pele ga ba ya go ikuela.
Rre Yster a re gape ke go lemotsha bogogi jwa metse ka fa ba tshwanetseng go dira mmogo ba le seopo sengwe le ba-na-le seabe botlhe, go tsaya boikarabelo le gone go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho mo go tlhomamiseng pabalesego le boitekanelo jwa batswa setlhabelo.
O ne a kopa ba sepodisi go thusa ka lefelo le le faphegileng mo diofising tsa bone gore ba tswa setlhabelo ba kgone go bua dikgang tsa bone tsa kgokgontsho ba phuthologile. Ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bokspits
Event : Thuto puisano
Date : 07 Apr 2022