Mapodisi a mo patlong ya babelaelwa
07 Apr 2022
Mapodisi a Palapye a mo patlong ya babelaelwa ba le babedi mabapi le petelelo ya mme wa dingwaga tse masome a mabedi le bongwe e e diragetseng kwa masimong a Setatse.
Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, Mookamela mapodisi a Palapye, Superintendent Mokopi Nawa o tlhalositse gore petelelo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola gane.
Rre Nawa a re mapodisi ba begetswe kgang kgwedi eno e tlhola ga tlhano ke mongongoregi a supa fa a dirisitswe botlhaswa mo tlhakanelong dikobo ke mokapelo wa gagwe yo o itsegeng ka leina la Abel le rre yo mongwe yo a sa mo itseng.
Go ya ka pego ya sepodisi, moikuedi o gorogile mo Palapye kgwedi eno e tlhola gabedi a tswa Gaborone a etetse mokapelo wa gagwe mme ba felela ba ya kwa masimong a Setatse.
Supt Nawa a re letsatsi le le latelang moikuedi le mokapelo wa gagwe ba ne ba etela tsala ya mmelaelwa yo ba fitlhetseng a seyo.
O tsweletse a supa gore e ne yare baratani ba santse ba letile tsala ya wa rre go goroga, ba tlhoka kutlwisisano, e e feletseng mmelaelwa a tshosetsa moikuedi ka selepe.
Supt Nawa a re le fa mmelaelwa a ne a tshosediwa ka selepe, tlhatlharuane e ne ya fela go sena le dikgobalo dipe.
A re mo letsatsing le le latelang mongongoregi o ne a kopa mokapelo wa gagwe go mmuledisa kwa maemelong a dikoloi go boela Gaborone.
Supt Nawa a re babelaelwa ba ne ba tseela mongongoregi mo sekgweng ba mo dirisa botlhaswa. Rre Nawa a re mongongoregi o ne a a kgona go begela mapodisi ka thuso ya mme mongwe wa masimo a a mabapi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 07 Apr 2022