Lekoko le ntsha maduo
07 Apr 2022
Banni ba Mahalapye ba galaleditse letsholo le le rutuntshang ka botlhokwa jwa go aga malwapa a itshetletseng.
Moruti wa Pentacostal Holiness Church mo Mahalapye Moruti Peggy Ratsebe o tlhalositse ka Labobedi fa banni ba tsaya dithuto tse ka tlhwaafalo.
“Batho ba tlogela ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi kwa malapeng go tla go ithuta le go amogana megopolo ka se motse wa Mahalapye o se tlhokang go aga malwapa a itshetletseng go fedisa botlhokatsebe,” ga bua Moruti Ratsebe.
O tlhalositse fa dithuto tse di tsweletse sentle le fa bangwe ba sa tshware nako ebile ba bangwe ba tlodisa go tsena ithutunsho. ntle le matshwenyego a gore.
A re lenaneo la tshidilo maikutlo le ntshitse tema e e bonalang, a gatelela gore go botlhokwa gore e le barutuntshi ba thuse go fetola dipelo tsa batho.
Go tswa kwa lephateng la dikgolegelo mo Mahalapye, Moruti Mpoloka Maseko a re ba amogetse dithuto tse ka diatla tsoo-pedi. O kaile fa ba na le ditlhopha tsa baithuti tse pedi tse ba di rutuntshang, e bong badiri ba lephata la dikgolegelo le magolegwa.
“Mo dithutong tse, re tsentse ba re setseng re na le bone mo mananeong a tshwana le la go bopa boitsholo jwa motho ka gore di tsamaelana le ditsetlana tse go rutiwang ka tsone ka jalo go motlhofo mo go bone ka ba tsweledisa se re ntseng re se dira re le lephata.
A re ba ba rutuntshiwang ba supile fa go na le phetogo mo matshelong a bone, bogolo jang ka fa ba akanyang ka teng.
Kgosana ya Leretwa, Kgosi Kobamelo Maunatlala le ene o supile fa dithuto tse di dira pharologanyo e ntsi thata mo matshelong a ba ba kopanang le bone go ba fitisetsa molaetsa.
A re ene o tsaya dithuto tse e leng gore ka tsone o tla kgona go rutuntsha dikgosi tse di sa kgonang go tsenelela dithuto tse ka go ne go tlhophilwe palo e nnye gore ba tle ba rute ba bangwe.
A re batho bangwe ba ne ba itlhobogile ba sa itse kwa ba ka bonang thuso teng, mme ba ne ba ba kopanya le ba tshidilo maikutlo, kwa ba neng ba bona thuso teng.
Fa a ntsha la gagwe leloko la mokgatlho wa The Healthy Families Foundation, Mme Ashley Thaba a re fa ba rulaganyetsa letsholo le, ba ne ba akantse gore ba tlaa bo ba rutuntsha batho ba le lekgolo mo letsatsing ba e leng bone ba ba tlaa bong ba tsaya ditlhotshwana tsa batho ba le lesome gore ba tle ba fitlhelele sekete sa batho ka letsatsi.
A re jaanong ba etelwa ke batho ba le makgolo a mabedi ka letsatsi, le ditlhotshwana di nna le batho ba feta masome a mabedi, ka jalo ba ruta dikete tse pedi mo letsatsing.
A re go bona Batswana ba tla ka dipalo tse di kana ke sesupo sa gore phetogo e tla nna teng.
O tlhalositse fa ba simolotse go bona gore bopaki jwa tharabololo ya mathata a a farologaneng mo malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Bokopano
Date : 07 Apr 2022