Breaking News

A Botswana a bidiwe Central Southern Africa

06 Apr 2022

Leina la lefatshe leno le tshwanetse go fetolwa go nna Central Southern Africa ka fa molaong go lebilwe gore le na le merafe e le mentsi e e nang le dingwao le diteme tse di farologanyeng.

Se se builwe ke modula-setilo wa lekgotla la bogosi jwa Wayei, Rre Cosmos Daniel mo phuthegong le lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko molao-motheo kwa Seronga ka Labobedi.

“Lefatshe le a le sutlhe leina la Botswana le bidiwe ka manno a lone mo bogareng jwa Aferika yo o mo Borwa (Southern Africa),” o ne a bua jaana.

Rre Daniel o ne a re ke keletso ya lekgotla la gagwe gore molao-motheo o lemoge merafe yotlhe, diteme le dikgosi tsa yone ka go lekalekana.

Molao-motheo go ya ka lekgotla leo, o tshwanetse wa dira gore dingwao le diteme tsa merafe ka go farologana ga yone mo lefatsheng leno di buiwe mo telebisioning le mo seromamoweng tsa setshaba.

“Diteme le dingwao tsa merafe ka go farologana di tshwanetse tsa rutwa mo dikolong go papametse mo molao-motheong,” a tlatsa jaana a supa gape fa go tshwanetse gore palo batho e nne le karolo e go balwang batho go eng ka merafe ya bone e e farologaneng.

A re seo se ka thusa mo kabong ya ditlhabololo.

A re e re ka maikaelelo magolo a molao-motheo e le go fedisa kgethololo ka semorafe, bong, itsholelo, bogole le tse dingwe, melao e tshwana le ya Tribal Territories Act le Tribal Land Act e tshwanetse ya baakanngwa go aga setshaba.

“Lefatshe ke la ga goromente mme e bile maina a makgotla a kabo-ditsha a tshwanetse a fetoga go nna maina a mafatshe,” a bua jaana.

Rre Daniel a re mo nakong eno maina a makgotla a kabo-ditsha a bidiwa ka maina a merafe mengwe, mme a supa fa seo e le tsamaiso ya bokolone ya kgatelelo.

Molao-motheo o o sekasikilweng sesha, go ya ka ene o tshwanetse wa akaretsa melao e tshwana le wa phediso kgethololo le wa ditshwanelo tsa matshelo le sepolotiki e lefatshe la Botswana le setseng le e dumalane le makgotla a ditšhabatšhaba.

Mo go tse dingwe, Rre Daniel a re go tshwanetse ga papamala ka fa molao-motheong gore Tautona yo o busitseng o tshwanetse a tswa mo sepolotiking gotlhelele.

Mme Lydia Shomana yo o neng a bua mo boemong jwa ba-na-le-bogole ene o ne a kopa gore molao-motheo a tlame puso go tlisa ditlamelo kwa go bone le go ba agela.

“Re eletsa gape gore puso e fe batlhokomedi ba ba-na-le-bogole madi a itshetso ka go sena sepe se ba se itirelang ka lebaka la go tlhokomela batho ba,” a kopa jalo.

Mokwaledi wa lekgotla la baruti mo Seronga, Rre Onalethata Vasco e ne o ne a kopa gore lekgotla la baruti lefatshe ka bophara le tlhofofalediwe kopo ditsha.

A re go botlhokwa gape gore makgotla a tshwana le dikereke a akarediwe mo makalaneng a a neelang ditirelo tse di botlhokwa ka fa molaong.

“Re kopa gape gore dikereke di akarediwe mo dithusong tsa ga goromente tsa madi go ka itlhabolola,” o ne a bua jaana.

A re nako e gorogile ya gore baruti ba akarediwe mo makhanselareng le mapalamente a a itlhophelwang gore batle ba sekegele tsotlhe tse di amang kereke.

O ne gape a re molao-motheo o tshwanetse wa fokotsa dipalo tse motho a di lopiwang go bula kereke go tswa ko go lekgolo le masome a matlhano go nna masome a matlhano fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SERONGA

Event : Tshekatsheko ya molao motheo

Date : 06 Apr 2022