Breaking News

Modisa dikago o fitlhetswe ka leokwane la puso

06 Apr 2022

Mookamela mapodisI a Goodhope, Supt. Batshwari Gaobatlelwe a re ba tshegeditse modisa dikago yoo neng a berekela kwa lefelong le dikoloi tsa puso di tshelang leokwane ko go lone, morago ga gore a fitlhelwe ka leokwane le go belalewang a le utsule.


Supt. Gaobatlelwe a re rre yoo o fitlhetswe ke modiri ka ene a setse a tladitse dikupu tse pedi tsa di 25 litres tsa leokwane, mme a di pegile mo koloing ya gagwe.
“Go ne go na le dikupu tse dingwe mo koloing di heta lesome tse le tsone di neng di nkga leokwane, mme re belaela ha tiro e e ne e le selo modiro,” ga tlhalosa mogolwane wa mapodisi.
A re tiragalo eo, e diragetse ka letsatsi la Matlhatso mo maitseboeng babereki ba sena go golola.


O supile faba sepodisi ba lomilwe  tsebe ke modisa dikago yo mongwe, yo o neng a theogela bosigo joo.
Rre Gaobatlelwe o boletse fa modisa dikago yoo neng a ba loma tsebe, a tlhalositse fa modiri ka ene a ne a kgona go phamola mosokela tsebeng wa gagwe, mme a le botsa phokoje.
A re ka lesego koloi nngwe ya puso ene ya tsena go tshela leokwane, mme modisa dikago a tlhalosetsa mokgweetsi wa yone ha modiri ka ene a mo phamoletse mosokela tsebeng, mme e bile go lebega a ikadimile leokwane la puso.


Ramapodisi a re bobedi joo bone jwa kgona go sala monna yoo morago ba ntse ba bua le mapodise, mme yare morago koloi e ba neng bae lelekile eo ya thula ditlhare, mme ba kgona go tshwara mmelaelwa.


Rre Gaobatlelwe a re mmelaelwa o mo diatleng tsa bone, a sa ntse a emetse go isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko go lebisiwa molato wa bogodu.
Mo go tse dingwe, a re bogodu jwa leruo ga bo ba bontshe boroko, a tlhalosa fa mo mafelong a beke e e neng e feta e, ba ne ba tshwara banana ba dingwaga tse di lesome le bofera bobedi le lesome le bofera bongwe ba kgaolo ya Mmalore mabapi le bogodu jwa leruo.


Supt. Gaobatlelwe a re bobedi joo go bolelwa bo buletse dikgomo di ka tshwara lesome le bobedi mo tshimong ya monngwa yone, mme ba di thiba ka maikaelelo a go di tlodisetsa kwa lefatsheng la Aferika Borwa.


A re ba ne ba kgona go kgaupetsa banana bao, mme ba kgonne go bona dikgomo di fera bongwe, go bapa le kgaolo ya Tsoaneng, a tlatsa ka gore ga ba itse gore a  tse tharo di siile kana dilalome di kgonne go di tlodisa molelwane.


Mogolwane wa mapodisi o supile fa bobedi joo bo santse bo le mo diatleng tsa mapodisi, ba emetse tsheko.
O kopile barui go netefatsa gore ba itse fa leruo la bone le leng teng, go hema go utswiwa. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOODHOPE

Event : potsolotso

Date : 06 Apr 2022