Kgosi o tshwentswe ke go nwa phetelela
06 Apr 2022
Go nwa bojalwa phetelela ga banni bangwe kwa motseng wa Thabala go bonala go na le seabe mo masuleng a a diragalang mo motseng oo.
Se se boletswe ke kgosi ya motse oo, Rre Abel Kgaboyarona bosheng jaaka a ne a bua mo potsolotsong bosheng ka tse di sa mo jeseng diwelang.
Kgosi o tlhalositse fa go itontela dinotagi go baka gore bangwe ba tlelwe ke mogopolo ya go lwa ba bo ba gobatsana mo go maswe fela thata.
O boletse fa ditsheko tse di tsenang mo kgotleng ya gagwe di le dintsi fela thata mme ele tse di dirilweng go sena go nowa dinotagi.
Kgosi o boletse fa ba sa obamele dinako tsa go simolola go nwa bojalwa, a tlatsa fa bangwe ba a nwa bosigo jotlhe mo o fitlhelang maphakela batho ba tagilwe mo go senang botwesepe.
A re mapodisi a motse a leka ka gotlhe go kgalemela tlolo molao eo mme seemo ga se bepe ka e bile ba tlhaelelwa ke dipalamo le babereki.
Kgosi Kgaboyarona o boletse fa go na le dipoto tse dintsi thata mo motseng kwa e bileng go lowa thata, le gone go tlhaba ba bangwe ka dilo tse di borai.
O boletse fa dintwa tseo di diragala fa pele ga bana ba ba ka tsogang ba dira ditiro tse di maswe ka ba tsaya gore go siame.
Mo godimo ga moo, kgosi a re go nwa bojalwa phetelela go dira gore banwi ba kgobokane mo go dirang gore ba tlole melawana ya go leka go kganela kanamo ya mogare wa Corona.
A re fa go omanwa ba apola dibipa melomo le dinko mo go borai ka go ka anamisa bolwetse.
Mo go tse dingwe, kgosi o boletse fa ba kopile puso go ba agela diofisi tsa sepodisi tse di potlana gore mapodisi a tle a oketsege go thusa go lwantsha borukutlhi.
Mo go tse dingwe Kgosi Kgaboyarona a re batho ba ne ba iteka thata gore le bone ba balwe ka gore ditlhabololo di isiwa ke puso e laolwa ke dipalo tsa batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : THABALA
Event : potsolotso
Date : 06 Apr 2022