Emisang go re bitsa ba tengnyana teng
05 Apr 2022
Lebutswapele la motse wa Seronga, Rre Thokamotse Katomwa o kopile puso go emisa go bitsa batho ba ba kgakala le ditlamelo batho ba tengnyanateng.
A re leina leo le a ba kgopisa ka jaana ba dumela fa ba tshwanelwa ke go bitswa ka leina le le ba fang seriti.
O buile jalo fa a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele lenaneo la tshekatsheko molao-motheo.
O ne a kopa gore ditsetlana ya 77, 78 le 79 mo molao motheong di phimolwe ka jaana di rotloetsa kgethololo. A re fa di sa phimolwe bogolo di kwalwe sesha gore di lemoge merafe yotlhe ka tekano.
O ne gape a lela ka letlhoko la ditlhabololo mo kgaolong ya Okavango a re go thona gore ba bo ba tshelela mo lehumeng mme ba le mo kgaolong e e humileng ditsa tlholego.
Rre Katomwa o ne a kopa gape gore kwa bofelong jwa tiro ya lekoko, Tautona a tseye ditshwetso a sa sekamela ka fa letlhakoreng lepe, a re seo se ka itumedisa Batswana.
Mme Serebotswe Maeze le ene o ne a otlelela mafoko a gore ba seka ba bitswa batho ba tengnyanateng ka leina leo le ba nyenyafatsa. A re go bitswa jalo go ba rontsha le gone go akola ditlhabololo ka jaana ba lejwa e le meratshwana.
A re merafe ya Basarwa, Bayei le Bambukushu ba tshwanetse ba tsewa fela jaaka merafe e mengwe le gone gore ba fiwe sebaka sa go roma dikgosi tsa bone kwa Ntlong ya Dikgosi.
Go le jalo baemedi ba metse e e dikologileng Seronga le bone ba ne ba nna le sebaka sa go latlhela thware legonnyana. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Gunutsoga, Mme Sebuelo Samotanzi o ne a kopa gore molao-motheo o letle gore maloko a kabo ditsha a itlhophwele ke morafe.
O kopile gape gore molao wa matlotla o ntshiwe mo tirisong ka jaana o rontsha beng ba matlotla tshwanelo ya bone ya boswa. O tsweletse a re molao o emise ka ponyo ya leitlho thekiso ya bojalwa fa go kgonega ka seo se ka rotloetsa kagiso le thokgamo.
Mme Samotanzi o kopile gape gore molao o letle gore dikgosi di itlhopelwe eseng jaaka gompieno bogosi bo tsalelwa kana bo jewa boswa, le gore kgosi e tlhophiwe morago ga dingwaga tse tlhano.
Moemedi wa metse ya Mokgacha le Mogotlho, Rre Samson Mmusi ene o kopile gore thupa e busediwe mo dikoleng go kgalema lenyatso. A re baithuti ba fetogile diganana ka jaana ba re ba na le ditshwanelo.
O tsweletse a re batsadi ba ba sa itshwareng sentle mo setšhabeng ba otlhaiwe le bone, a tlatsa ka gore kotlhao eo e akaretse le bomme tota ka jaana puso e rotloetsa tekatekano ya bong.
A re dingwaga tsa ba ba lebanweng ke kotlhao ya thupa di sekasekiwe di bo di sutisiwe go tswa mo go 40 go ya kwa go 50.
Rre Mmusi o kopile gape gore maina a makgotla a kabo ditsha a fetolwe mme go dirisiwe maina a e seng a merafe. O ne a ntsha sekai a re mo kgaolong ya Ngamiland, lekgotla la kabo ditsha le ka nna la bitswa Nhabe boemong ja Tawana gore le akaretse merafe yotlhe mo kgaolong.
A re molao o letle gape gore dikgosi di tlogele tiro ba le di ngwaga di le masome a ferabobedi O kopile gape gore molao o seka wa lemoga lenyalo la batho ba bong jo bo tshwanang.
Fa a rola maikutlo a morafe wa Jao, Mme Olesitse Zambo o ne a kopa gore molao o letle gore bogosi bo ikemele ka nosi, e bile bo seka ja nna ka fa tlase ga lekgotla la dikgaolo le tlhabololo magae jaaka go ntse.
O ne a re ba eletsa gape gore molao motheo o sekasekiwe morago ga dingwaga tse di masome a mabedi. A re ba eletsa gore dikgang tsa boloi di sekiwe mo makgotleng a Setswana.
Mme Zambo o ne gape a ntsha mogopolo wa gore bana ba ba dingwag tse di kwa tlase fa ba tlhakanetse dikobo ba otlhaiwe botlhe ka jaana ba le molato botlhe.
Rre Mothulinzi Maitseo o ne a gatelela mafoko a gore bana ba otlhaiwe botlhe a supa fa molao o ntse o gatelela wa mosimane fela le ntswa wa mosetsana a le molato.
“Batho bao ke mophatho, a molao o tseye fela gore ba ne ba tshameka. Go isa ngwana wa mosimane kwa kgolegelong ga go rarabolole mathata. Bogolo molao o ise borre ba batona ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase,” a bua jalo.
Rre Maitseo a re nako tse dingwe ngwana wa mosimane o isiwa kgolegoelng le ntswa batsadi ba gagwe ba na le itsholelo e e botoka go mo thusa go tlhokomela ngwana. A re molao o sekaseke seemo seo ka se sokodisa ngwana le mmagwe.
O ne a kgala gape tiriso ya matlhapa mo maranyaneng a re ba ba amegang ba isiwe kwa makgotleng ba kgwathe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : SERONGA
Event : Tshekatsheko molao motheo
Date : 05 Apr 2022