Breaking News

Mophato wa 1998 o abela mongwe ka bone

05 Apr 2022

Mophato wa baithuti ba ba feditseng lekwalo le legolwane la botlhano ka ngwaga wa 1998 kwa sekoleng sa Ghanzi Senior o abetse mongwe ka bone semauso le dilwana tsa semauso tsa madi a fetang dikete tse lesome le motso tsa dipula ( P 11 ,500) go itshimololela kgwebo e a tla itshetsang ka yone.


Fa a bua kwa moletlong wa go rola dimpho tseo ka matlhatso, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Ghanzi Botlhaba, Rre Barapetse Nkamane o ne a lebogela se se dirIlweng ke mophato wa Ghanzi 98 go thusa mongwe ka bone yo o tlhokileng lesego mo botshelong. Mothusa modulasetilo o kopile mophato wa 98 go tswelela ka moono oo go ya pele ka jaana a re ba thusa puso go lwantsha lehuma segolo bogolo mogo ba ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re seo se se botlhokwa fela thata.


Rre Nkamane a re go sego letsogo le le abang gona le le amogelang a re modimo otla ba segofatsa ka godira tiro e tona ya go abela mongwe ka bone semauso gore a kgone go itshetsa ka sone. O ne kopa Mme Nathalia Gaborakanelwe yo abetsweng semauso go emela kgwebo ya gagwe ka dinao gore ka moso e ntshe maduo a bonalang.
Fa ntsha maikaelelo a bone, modulasetilo wa mophato wa 98, Rre Martin Sokane a re moono wa bone ke go thusa bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.


A re morago ga go utlwalela fa Mme Gaborakanelwe wa mophato wa bone wa 98 a sa tshele sentle, ba bona go le botoka gore ba mo thuse ka semauso ka gore semauso se bogadi bo bogaufi.
Rre Sokane o ne a tswelela ka gore ga ba felele mo Ghanzi fela ka batla tswelela ba thusa ba bangwe ba mophato wa 98 ba batlhokileng lesego mo botshelong mo dikgaolong tse dingwe.
 Erile a amogela semauso, Mme Gaborakanelwe a lebogela mophato wa 98 go bona go le botlhokwa go mothusa ka semauso.


O ne a solefetsa bankane ba gagwe gore o tla emela kgwebo ya gagwe ka dinao go ntsha maduo a a bonalang gore kgabagare a kgone go ikagele marekisetso a matona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : moletlong wa go rola dimpho

Date : 05 Apr 2022