Breaking News

Mokgatlho o o thusang balwetse ba kankere o a simolola

05 Apr 2022

Go thusa balwetse ba kankere go lwantshana le bolwetse, Rre Aobakwe Motlhakola o tlhamile mokgatho wa Foundation of Hope Society go lepalepana le dikgwetlho tse di lebanyeng balwetse ba kankere.
Rre Motlhakola yo o tlholegang kwa Ranaka a re ka mokgatlho o ikaelela go lema dijo tse di ka thusang balwetse ba kankere go lwantsha bolwetse, a tlhalosa gore o tlhotlheleditswe ke go latlhegelwa ke batsadi ka lebaka la kankere.


Mo potsolotsong bosheng, Rre Motlhakola a re bolwetse jwa kankere fela jaaka malwetse a mangwe, bo tlhokana le gore go jewe dijo tse di ka thusang go bo lwantsha ka jalo o itlamile go lema dijo tse di tlaa fiwang balwetse ba kankere lefatshe ka bophara.
Rre Motlhakola a re mokgatlho o wa kutlwelobotlhoko, o tlaabo o akaretsa matlhoki otlhe a balwetse jwa kankere.
A re keletso ke go netefatsa gore balwetse ba kankere ba sale ditaelo morago, ba ja dijo tse di nonofileng go tiisa mmele. O ne a re ka mokgatlho o, balwetse ba tlaa thusiwa gope fela kwa ba leng teng, a re bangwe ba tlaa thusiwa ka maroko, bogolo jang ba ba tswang kwa metseng e e kgakala, mme ba tlhokana le boroko ga mmogo le madi a sepalamo go ya bongakeng kwa Gaborone.


Rre Motlhakola a re mokgatlho o, o buletswe ope fela yo o nang le keletso ya go thusa, kana bone ba ba lwalang, kgotsa le masika a bone. Mosimolodise wa mokgatlho a re o amogela ope fela yo o ka eletsang go fa bogakolodi, go tlhokomela ba ba lwalang, go kgothatso le bogakolodi jo bo amanang le bolwetse jwa kankere.
A re mokgatlho o na le lefatshe kwa Ranaka, go lema dijwalo di tshwana le dibeteruti, tumeriki, dipopo le ditamati a re di tla abelwa balwetse ba ba sa kgoneng go di ithekela bogolojang go nonotsha mebele ya bone.


Rre Motlhakola a re go tswa go lowe, Batswana ba ne ba ikaegile ka ditlhare go alafa malwetse ka go farologana, mme ka jalo ba ba lwalang bolwetse jwa kankere ba ka dirisa matlhare a popo, tamati, beteruti ga mmogo le turmeric go thusa go lwantsha bolwetse joo.
O ne a re matlhare a popo a ka dira tee, a bedisiwa fela mme a nowe jaaka mogodungwana wa tee epe fela, kana a silwa mme a nowe, a re go na le gore a omisiwe a bo a tlhakanngwa le mongwe motswako go dira tee. Rre Motlhakola a re o tshwenyegile fela thata ka jaana bolwetse jwa kankere bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka tsela e ko godimo bogolojang mo malatsing a gompieno, mme a re go na le ka fa maungo, matlhare, le dijwalo tse di ka bonwang motlhofo di ka thusang ka teng.


O kgothaditse ba ba nang le bolwetse joo gore ba seka ba ineela, a re bolwetse joo ga bo a tshwanela go nna katlholelo leso, ke bolwetse jaaka malwetse mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : potsolotso

Date : 05 Apr 2022