Pandamatenga Post Office e bulwa semmuso
04 Apr 2022
Ditlhabololo tse di tlisitsweng ke ba Botswana Post mo Pandamatenga di tla tswela setshaba mosola ka di fokoditse mela e meleele kwa posong.
Moeteledipele wa ba dilaesense kwa Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA), Mme Tebogo Mmoshe o tlhalositse fa gompieno ditirelo tsa poso di ka dirisiwa ka maranyane motho a ntse a le kwa lwapeng.
Mme Mmoshe o buile seo fa a ntsha molaetsa wa botlhokwa kwa ipelelong pulo semmuso ya poso kwa Pandamatenga.
Mme Mmoshe a re bone e le ba BOCRA ba bonye go le matshwanedi gore ba thuse ba Botswana Post ka madi a go aga diposo di le nne tse dinang le mafaratlhatlha a maranyane a segompieno. O ne a akgola se se dirilweng ke ba Botswana Post go tsisa poso mo Pandamatenga, ka jaana poso ke nngwe ya ditirelo tse di tlhokiwang bobe ke batho.
“Ke le akgolela go ntsha Batswana mo dinakong tsa segologolo le ba tsisa mo dinakong tsa segompieno, ga rialo Mme Mmoshe. A re mo nakong ya gompieno, poso e setse e le banka ka e dira ditiro tsotlhe tse di dirwang ke banka, e bile batho ga ba sa tlhole ba ya go ema ema ko di ofising, ba re ba shafatsa makgetho a dikoloi mme ba ka dira jalo kwa posong.
Mme Mmoshe a re tiro ya BOCRA ke go tlhomamisa gore poso fa e leng teng, lefelo la teng le siame, e bile a poso ga e batle madi a mantsi mo bathong.
E rile fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa diposo Rre Cornelius Ramatlhakwane a re poso ya Pandamatenga ke ya bosupa go tswa mo seelong se ba neng ba se ipeetse sa go aga le go baakanya diposo di le lesome.
A re P7 million o ne a seegilwe fa thoko go dira tiro eo, a tlhalositse fa P317 000 a dirisitswe mo paakanyong ya poso ya Pandamatenga.
A re ba filwe P2.9 million ke ba BOCRA, go aga poso di le nne. A re e le ba Botswana Post ba dirile maiteko a go ka neela batho ditirelo ka maranyane a sesha.
Rre Ramatlhakwane a re badirisi ba poso jaanong ba ka dirisa megala ya bone ya letheka go amogela ditlamelo tsa poso.
A re badirisi ba ka dira ditiro dingwe le dingwe tse di kwa Botswana Post ba le mo malwapeng. A re o tla netefatsa gore go tsenngwa mochine wa Virtual Teller Machine (VTM).
E rile fa a lebogela ditlhabololo, mokhanselara wa Pandamatenga Rre Tengenyane Tuelo a re o lebogela se se dirilweng ke Botswana Post mo motseng wa gagwe. A re jaanong ga ba sa tlhole ba tsamaya mosepele o moleele go ya Kasane go ya go romela madi. O rotloeditse banana go dirisa maranyane a poso a virtual post office. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kabelo Segafi
Location : KASANE
Event : Pulo semmuso ya poso
Date : 04 Apr 2022