Breaking News

Ba tlotla sekgantshwane sa pele

04 Apr 2022

Go gakologelwa le go supa tlotla mo mongweng ka bone, batshameki le balatedi ba pele ba setlhopha sa kgwele ya dinao sa Jackalas No 1 Home Defenders, ba tlhomile sefikantswe fa lebitleng la ga moswi Jabulani Masalila. Ba dirile se kwa motseng wa Jackalas No 1 kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Matlhatso.
Dibui ka go farologana kwa tirelong ya go apola sefikantswe sa ga Rre Masalila, ba boletse fa loso lwa ga sekgantshwane seo sa kgwele ya dinao le mabelo le ne la tsisa matlhotlhapelo mo motseng wa Jackalas No 1 le lefatshe ka bophara.


Rre Masalila yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1956, go tlhalosiwa a ne a bolawa bosetlhogo ke masole a Aferika Borwa kwa Gaborone ka ngwaga wa 1986, a tlhokafala jalo a direla mo lephateng la Temo Thuo mo lekalaneng la matlhoko a leruo kwa kgaolong ya Mogoditshane.
Go tlhalosiwa fa masole ao, a mmuso wa tlhaolele a Aferika Borwa a ne a batla bangwe mme ka go tlhoka lesego Rre Masalila a nna motswasetlhabelo ka go hulwa ka marumo a a neng a sa mo lebagana. Ba boletse fa moswi Masalila e ne e se sekgantshwane mo kgweleng ya dinao fela, mme a ne a dira go tlala ka diatla mo go tsa mabelo, ba kaya fa a kile a ya go emela lefatshe kwantle mo go tsa mabelo.


Ba tsweletse ba tlhalosa fa Rre Masalila e ne e le mongwe wa batho bantlha go tshamekela setlhopha sa Sebele United, pele a ya go tshamekela setlhopha sa Mogoditshane Fighters.
O supile fa e ne e le motho yo o boikobo, a le botho gape a ikemiseditse go direla motse wa gabone ka dinako tsotlhe.
Sebui sa tlotla kwa tirelong eo, mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Mapoka Rre Paulos Nkoni, yo gape eleng morutabana wa pele kwa sekolong se se botlana sa Jackalas No 1 a rutile moswi Masalila, o ne a galaletsa bakaulengwe ba gagwe go bo ba bone go tshwanela gore ba mo neele tlotlo e e kalo.


A re o itumedisitswe thata ke ka fa ba diretseng mogaka yoo ka teng Rre Nkoni a re o dumela fa tshwaragano, tirisanyo mmogo le botlhale jwa banni ba Jackalas No 1 e ba tswang goo lowe ba itsege ka yone, e ba kgontshitse go diragatsa maitlamo a bone.
A re go ikanapa dipata ga batshameki le balatedi ba pele ba setlhopha seo go tshwanelwa ke go lebogwa go menagane, ka jalo a ba gwetlha go tswelela jalo ka mowa oo. Mongwe wa barulaganyi ba tiro eo e bile e le ene a beileng mogopolo oo mo tafoleng, Rre Agripa Nehemiah o tlhalositse fa e le batshameki ba pele ba Home Defenders ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go neela rre Masalila tlotla ee mo tshwanetseng.


A re ba ne ba simolodisa loeto lwa bone ngogola ka kgwedi ya Phalane mme mongwe le mongwe a ntsha sepe se a neng a ka se kgona, a tlhalosa fa ba dirisitse madi a a ka tshwarang P20 000 mo tirong eo.
Rre Nehemiah o supile fa a itumelela go bo ba kgonne go diragatsa maikemisetso a bone.
Ba lelwapa loo rra Masalila mo teng e le morwadie moswi, Mme Lady Letsholo le bone ba ne ba lebogela tiro e dirilweng ke bakaulengwe ba ga rre Jabulani, ba re ba supile lorato le le seng kana ka sepe.


Moeteledipele wa nako eo wa Jackalas No 1 Home Defenders Rre Fidelis Machola o ne a supa fa Rre Masalila a ne a sa tshabe go beela kwa tlhoko ditaelo tsa mokatisi fa a bona ekete sekepe se a nwela, mme a dirise boitseanape jwa gagwe ja kgwele ya dinao go namola setlhopha. Rre Machola a re o dumela gore moswi a ne a na le maikemisetso a go ya kgakala le merero ya kgwele ya dinao, fela ka go tlhoka lesego a kgaopediwa go tswelela le botshelo jwa gagwe a le dingwaga tse di masome a mararo. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 1

Event : KapolO sefikantswe

Date : 04 Apr 2022