Mokwaledi o akgola dikgosi
03 Apr 2022
Batswana ba tsweletse ka go amogana megopolo jaaka tshekatsheko ya molao-motheo e tsweletse Go ya ka moeteledipele wa bakwaledi ba lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko eo,Mme Pearl Ramokoka, banni ba dikgaolo tsa botlhophi tsa Maun Botlhaba le ya Bophirima ba rotse megopolo e le mmalwa ya ka fa ba eletsang molao-motheo o ka nna ka teng.
Mo potsolotsong, Mme Ramokoka o tlhalositse fa megopolo eo e akaretsa wa go tsosolosiwa ga mephato, seo e le tsela ya go laola botlhokatsebe jo bo tsweletseng ka go golela pele.
A re banni gape ba kopile gore go emelwe ka dinao kgotlhakgotlhano ya batho le diphologolo ka jaana e itsa banni go tshela ka tshosologo ebile go kgoreletsa maiteko a bone mo go tsa temo-thuo.
O boletse gape fa setšhaba sa dikgaolo tseo se kopile gore phimola keledi ya tshenyo ya diphologolo e tsholediwe go tsamaelana le bokete jwa tshenyo.
Mme Ramokoka a re ntlha e nngwe e nnile ikuelo ya banni gore madi a a dirwang ka bojanala jwa kgaolo tsa bone a dirisediwe go ba isetsa ditlhabololo tsa botlhokwa tse di ka tokafatsang matshelo a bone.
Go sale foo, o tlhalositse fa mogopolo o mongwe e nnile wa gore leina Botswana le fetolwe gore merafe e ka tlholego e sa bueng puo ya Setswana e seka ya ikutlwa ekete e kgapetswe ntle ka leina la lefatshe leno le ikamanya le puo e e buiwang ke merafe mengwe ya lone.
A re banni ba re leina le le sa tlhaoleng ka gope le ka aga tekatekano ya merafe mo matlhong a molao.
Mme Ramokoka o ne a boa a supa fa dibui dingwe di kopile gore ikopelo boagedi ya batho ba ba nyalaneng le Batswana e fefosiwe gore batho bao ba tle ba kgone go tshela sentle le go kgona go inaakanya le mabaka a a farologanyeng a itshetso.
Kwa bokhutlong, mokwaledi yoo wa lekoko o ne a iteela legofi boeteledipele jwa mafelo a a setseng a lekotswe ke lekoko seabe sa bone mo go tlhomamiseng gore diphuthego di a atlega.
A re tshwaragano e ntle ya bogogi jwa dikgaolo e thusa thata mo go reng morafe o seka wa kgoreletsega ka gope go ka kopana le lekoko go tla go rola megopolo ya one. ENDS
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 03 Apr 2022