Lekgotla le gana mosekisiwa a emela tsheko kwa ntle
03 Apr 2022
Lekgotla la ga Mmakaseterata la Serowe le ganne maiteko a ga Thapelo Disele a go emela tsheko kwa ntle morago ga go lebisiwa melato ya petelelo ele lesome le boraro ka Labone mo Serowe.
Disele yo o ntseng a tshegeditswe mo kgolegelong fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse, o ne a kopa lekgotla go mo fa sebaka sa go emela tsheko a le kwa ntle a re o batla go ipatlela mmueledi e bile a bolela fa melato e mengwe a sa e dira a patelediwa.
Lekgotla le ne la gana ikopelo ya gagwe le bolela fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse. Lekgotla le ne le supa fa batlhotlhomisi ba batla go fiwa sebaka sa go dira tiro ya bone ka matsetseleko ba sa kgopakgopediwe.
Mmakasetarata Rre Johnny Baakile o tlhaloseditse Disele fa a ka batla mmueledi a ntse a le mo kgolegelong.
Mmakaseterata Baakile a re fa Disele a ka letela tsheko kwa ntle o ka nna a ya go betelela gape, a bolela fa melato ya gagwe ya petelelo ele mentsi fela thata ka jalo go le molemo go re a tshegediwe mo toronkong go fitlhelela a itshupa gape ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boferabobedi.
Disele, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Maaloswana mo Serowe o lebisitswe melato ele lesome le boraro ya petelelo, yotlhe a dirisa dikgoka a tshosetsa baikuedi ka thipa abo a ba utswela madi le megala ya letheka kgatlhanong le melawana ya 141 le 142 , code cap 08:01 wa molao wa lefatshe la Botswana.(penal code).
Melato e, e di diragetse ka ngwaga wa 202 le 2022 mo dikgotlaneng tsa Maaloswana, Makolo, Masilo, Dinokwane le Mokwena mo Serowe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Tsheko
Date : 03 Apr 2022