Breaking News

Palo ya batho e tlaa wela sentle

03 Apr 2022

Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi a re o solofela fa batho botlhe ba tlaa bo ba badilwe fa palo batho e wela gompieno (Moranang 4).

Se se tla morago ga gore banni ba masimo a Tshetho ba supe fa ba ise ba balwe ka Labone beke e e fetileng.

Malatsi a go bala batho a ne a tshwanetse go wela Mopitlo a le masome a mararo le motso mme a ne a okediwe go fela Moranang a tlhola gane.

Banni ba masimo ao ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente bosheng.

Rre Lesedi o ne a ba rotloetsa go tsaya palo ya batho ka tlhwaafalo le go netefatsa gore ba a balwa ka jaana se se ka thusa gore ba bone ditlamelo di tshwana le kokelwana ya nakwana (mobile clinic), tsa boipelego, go phakisiwa dipeo bogolo jang ka nako ya temo le tse dingwe.

A re mo dinakong tse dintsi fa batho ba kopa gore ditlamelo dingwe di ba latele, go batliwa dipalo tsa bone mme fa di lekane palo e e beilweng, batho ba di neelwe.

Le fa go ntse jalo, Kgosi wa Mokgware, Kgosi Mercy Otswakae o ne a lemotsha banni fa masimo a Tshetho a wela ka fa tlase ga motse wa Mokgware e bile batho ba masimo ao ba nna nako e ntsi koo mme seo se ba tlama go kopa ditlamelo kwa motseng wa Mokgware ka o le gaufi.

A re dipalo tsa banni ba Tshetho ga di supafale mo go ba palo batho mme go supega fa dipalo tsa bone di isitswe kwa motseng wa Serowe mme go sa tshwanela go nna jalo. 

A re banni ba Tshetho ba tshwanetse ba nne le boammaaruri gore ba tsaya ditlamelo kae go na le gore ba supe fa ba di tsaya kwa Serowe.

A re go kopa ditlamelo ga banni ba Tshetho kwa motseng wa Mokgware go felela go ama ditlamelo tsa motse oo mme go felele go kgaoganngwa ditlamelo tsa Mokgware le bone ntswa tsa bone ba supile fa di le kwa Serowe mme seo e se boammaruri.

Kgosi Otswakae o ne a lemotsha banni ba Tshethong fa ditirelo dingwe di tshwana le tsa Ipelegeng di felela di isiwa kwa go bone gore ba kgone go tlhabolola fa ba nnang teng mme ba tshwanetse ba lemotshe ba palo batho fa ba wela kwa Mokgware gore ditlamelo di ba lekane.

Mo go tse dingwe, banni ba masimo a Tshetho ba ne ba kopa khansele go baakanya tsela ya bone ka go e gopa ka jaana e sa tsamaege, bogolo jang ka dinako tsa dipula. 

Ba ne gape ba supa fa tsela eo e le sekgwa ka jalo ditlhare tse di mo go yone di tshwanetse di kgaolwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 03 Apr 2022