Kgotlholo e tona ga se phelelo ya botshelo
03 Apr 2022
Mofenyi wa bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB) Mme Ontuetse Obadile wa moraka wa Gugae a re go tsaya kalafi ya bolwetse jo ka tlhwaafalo go na le seabe mo go bo fenyeng.
Mme yo, o tlhalositse gore bolwetse jwa TB bo bata motho a ikamogela a bo a ipolelela mo tlhaloganyong gore o tshwanetse go lwantshana le mmaba o, ka o alafesega.
O kopile batho gore ba seka ba bifela batho ba ba nang le kgotlholo e tona mme ba ba eme nokeng go fenya bolwetse.
Mme Obadile o buile se kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jo, e e neng e tshwerwe kwa motseng wa Gugae bosheng.
A re o ne a tlhagogelwa ke bolwetse jwa TB ka ngwaga wa 1998 mme a tlhalosa fa tshimologo ya jone e ne e sa tlhwaafala ka jalo o ne a sena pelaelo ya gore o ka tswa a na le TB.
Mofenyi yo a re o simolotse a latlhegelwa ke mmele le keletso ya dijo mme morago a simolola go gotlhola madi.
A re o ne a ya kokelong ko a neng a fitlhelwa a na le bolwetse jo mme a simolola kalafi.
Mme Obadile o tsweletse a tlhalosa gore o ne a kgona go fola mme e rile ka ngwaga wa 2019 bolwetse jwa mmoelela mme bo ne bo se bogale jaaka pele.
A re o ne a simolola kalafi gape mme mo nakong ya gompieno a fodile.
Mme Obadile a re fa motho a tshwarwa ka bolwetse jwa kgotlholo e tona, o tlamega go fetola botshelo le maitshwaro a gagwe jaaka go emisa go nwa bojalwa le go goga motsokwe ka tse di ka dira gore bolwetse bo kekele le melemo e ka se bereke.
O tsweletse a rotloetsa batho go ya kokelong go santse go na le nako fa ba itemogela dikai dipe tsa kgotlholo e tona gore ba kgone go simolola kalafi ka nako.
Mooki kwa kokelwaneng ya Malatswae, Rre Tshokelo Moithale, a re letsatsi le la segopotso sa bolwetse ja kgotlholo e tona le diretswe go ema nokeng ba ba nang le bolwetse jo kgotsa ba ba kileng ba tsenwa ke jone, ga mmogo le ba ba re tlogetseng ka lebaka la jone. A re tsatsi le letsatsi lefatshe ka bophara, batho ba ka tshwara dikete di le nne ba bolawa ke kgotlholo e tona fa ba le dikete di le masome a mararo ba tshwarwa ka bolwetse jo le ntswa bo na le thibelo le kalafi.
O tlhalositse gore bolwetse jwa TB bo na le seabe se se tona mo dintshong tsa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV.
O tsweletse a re setlhogo sa letsatsi se se neng se re ‘Beeletsa go nyeletsa kgotlholo e tona; Boloka matshelo’ se rotloetsa botlhokwa jwa go bopagana le go dirisa ditlamelo tse di teng go lwantsha bolwetse jo le go fitlhelela maitlamo a go bo nyeletsa lefatshe ka bophara.
A re se se botlhokwa segolo jang ka mo nakong ya gompieno go na le kgwetlho ya bolwetse ja COVID-19.
A re malwetse a mabedi a, a na le dikai tse di tshwanang ka a ama mafatlha le go hema ga motho mme ka jalo a tshwanetse go elwa thoko thata ka nako e le nngwe.
Mooki Moithale a re kgaolo ya Serowe e tsweletse ka go itemogela kwelo tlase ya dipalo tsa TB mo dingwageng tse di fitileng.
A re ka ngwaga wa 2013 ba nnile le dipalo di le 339, ka ngwaga wa 2015 di ne tsa nna 291, ngwaga wa 2020 di ne di le 153 fa ngogola di ne di le 117. A re COVID-19 e nnile le seabe mo kwelo tlase e.
“Melao le ditsetlana tsa botsogo jaaka go rwala sethiba-molomo di thusitse mo go fokotseng kanamo ya bolwetse ja kgotlholo e tona, mme fela se ga se reye gore ntwa kgatlhanong le bolwetse jo e fedile.
Fa a leboga, mokhanselara wa Mmashoro, Motlotlegi Kgosiesele o lebogetse setlhopha sa tsa botsogo sa kgaolo ya Serowe ka go gasa molaetsa wa botlhokwa mo kgaolong.
O ne a ba akgolela maiteko a bone a go isa ditlamelo kwa bathong.
A re e re ka jaanong go itebagantswe le bolwetse jwa COVID-19, batho ba lebala gore TB e santse e le teng.
O gakolotse banni go nna kelotlhoko ka matshelo a bone, ba tsiboge ka nako fa go nna le matshwenyego ape fela mo mebeleng ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : Gugae
Event : moletlo wa segopotso sa TB
Date : 03 Apr 2022