Kgosi o kgothatsa baithuti
03 Apr 2022
Kgosi Brandon Manyoagae wa motse wa Sehithwa o kgothaditse baithuti ba sekolo se segolwane sa motse sa Ngami go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo.
Kgosi Manyoagae o buile se ka Matlhatso kwa modirong wa go abela baithuti ba ba dirang sentle ba sekolo seo dimpho.
Modiro oo, o ne o rulagantswe ke mokgatlho wa Flocky Club ’89 ba ba abetseng baithuti ba ba gaisitseng mo mophatong wa ntlha go ya go wa boraro dimpho tsa megala ya letheka, dibuka tse go ipaakanyetsa ditlhatlhobo, di supa nako tsa maranyane le mesangwana tse di lopileng madi a a tshwarang P7 500.
Kgosi Manyoagae o ne a gwetlha baithuti go ikgapha mo dilong tse di ka ba itayang tsebe jaaka tsa marato, a bolela fa tseo ba tlaa di bona ba setse ba godile ba dule mo tlhokomelong ya batsadi.
O ne a tswelelela ka go ba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong gore ba tsoge e le bangwe mo setshabeng.
Kgosi o ne a leboga ba mokgatlho wa Flocky Club ’89 ka dimpho tseo a re di tlaa rotloetsa baithuti go dira sentle, a tswelela a gwetlha batsadi gore le bone ba rotloetse bana kwa malwapeng go tsaya thuto ka tlhwaafalo.
Mogokgo wa sekolo, Mme Gaone Phuthego o ne a bolela fa ba ikemesiditse go bereka le makalana a a farologanyeng mo maitekong a bone a go tokafatsa maduo a a sa itumediseng le go rotloetsa baithuti.
Mme Phuthego a re sekolo se ne sa gatisa maduo a a kwa tlase mo ditlhatlhobong tsa ngwaga oo fetileng ka lesome le botlhano mo lekgolong mme ebile a ne a tsamaela mo selekanyong sone seo mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.
A re go a tshwenya go bo palo ya baithuti ba ba sa dirang sentle ebile ba sa tsewa kwa dikolong tse dikgolwane e le ko tlase mo Ngami, a kaya fa mo ngwageng oo fetileng go tserwe baithuti ba le masome a marataro mo palong ya baithuti ba le makgolo a mabedi le bosupa.
Ka jalo, Mme Phuthego a re sekolo se ipeetse seelo se sesha sa masome a marataro a baithuti ba ba tsewang go ya dikolong tse di kgolwane.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Flocky Club ’89, Mme Kaitjata Katjivi o ne a tlhalosa fa maloko a bone e le batho ba tshotsweng ka ngwaga wa 1989 go tswa mafelong a a farologanyeng ka maikaelelo a go thusana mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone le go thusa mo setshabeng.
Ka jalo Mme Katjivi a re ba ne ba bona go tshwanela go thusa sekolo sa Ngami ka bontsi jwa maloko a bone e le baithuti ba pele ba sekolo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Sehithwa
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Apr 2022