Kgosi Mmuso Modise o tlogela tiro ka bogodi
03 Apr 2022
Dibui ka go farologana di tsatsankile Kgosi Mmuso Modise wa Sekao kwa Serowe jaaka moeteledipele yo o bonolo, lerato e bile a sa tlhaole ope.
Se se builwe bosheng jaaka Kgosi Modise a ne a tlogela tiro ka bogodi.
Kgotla ya Sekao e ne e tletse go tla go laela kgosana ya bone yo o dirileng le bone sentle mo dingwageng.
Kgosi Oifang Mokalake, yo o neng a tshwareletswe ke Kgosi Modise o ne a lebogela popagano le tirisanyo ya banni ba kgotla ya Sekao, ka nako ya ga Kgosi Modise a mo tshwareletse.
O kaile kgosi Modise e le motho yo o bonolo thata a sa tlhaole ope ,a tsaya batho ka tekatekano go sa kgathalesege gore o tswa mo lwapeng le le ntseng jang.
A re fa kgosi a santse a tshedile o tlaa tswelela a kopa thuso mo go ene.
E rile a tswa la gagwe kgosi Modise a lebogela tirisano mmogo e e neng e le teng fa gare ga gagwe le morafe, mme a ba kopa go tswelela ba supa mowa oo mo go kgosi Mokalake.
A ba ntsha pelaelo epe fela ka go ba rurifaletsa fa a sa thankgolwa mo setilong mme ba neelane ka tsamaiso e e siameng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Sekao, Rre Kingsley Reetsang a re batho ba kgotla ya Sekao ba ile ba bona go tshwanela go dira sengwe go tsamaisa kgosi Modise sentle, ba ikanapa mme ba kgona go rekela kgosi Modise Setilo le hutshe.
Rre Reetsang a re ba ne ba rekela mohumagadi wa gagwe tukwi le tjale, le madi a a kanang ka dikete tse tharo, makgolo a matlhano le masome a ferabobedi a dipula(P3 580).
Boorra Modise ba ne ba amogela dimpho tseo ka di ntshitswe ka lerato.
Mongwe wa dikgosana ebile a ne a bereka mo kgotleng ya Goo Thene kgosi Mokwadi Kenosi a re ba berekile le kgosi Modise e le motsadi, a le bonolo, a ole mowa.
A supa fa ba latlhegetswe mme a kopa yo o mo tlhatlhamang go tsweledisa tirisano mmogo e ba ntseng ba na le yone le kgosi Modise.
O ne a mo gakolola go kopa thuso kwa go kgosi Modise, fa a ka kopana le dikgwetlho ka Rre Modise e le motsadi wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : Moletlo
Date : 03 Apr 2022