Breaking News

Barui ba lela ka ditlhwatlhwa

03 Apr 2022

Barui bangwe mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa dihutshane.

Ba buile se ka letsatsi la thekiso ya dihutshane  le le neng le rulagantswe ke ba lekalana la theko le thekiso mo lephateng la Temo Thuo le Tlhomamiso Dijo kwa motseng wa Maubelo bosheng.

Mongwe wa barui, Rre Moetinyane Bota o ne a supa fa bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi ba jewa ntsoma ka jaana ba reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme tlhokomelo ya leruo yone ele ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. 

Rre Bota a re e re lentswa ba ngongorega ka ditlhwatlhwa, lentswe la bone e le barui ga le utlwale ka jaana mokgatlho o o leng teng wa Small Stock Association o sa tshwaragana le bone  go ba buelela.

O boletse fa go tlhoka fa ba rekisang teng go dira gore bangwe ba bone ba jewe ntsoma ke bareki ba ba tswang kwa ntle ka lebaka la diemo tsa botshelo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone.

O tlhalositse gore tsholofelo ya barui e mo matlhabelong a dihutshane a agiwang kwa Tsabong.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modiri wa lephata la temo thuo le tlhomamiso dijo mo Tsabong, Rre Galeboe Makabe o boletse fa maikaelelo e le go supa leruo le le mo kgaolong eo, go atametsa bareki le barui go ba thusa go tsenya letseno ka seo se ka thusa mo go tlhabololeng matshelo a bone.

Rre Makabe o tlhalositse fa ka ba ne ba ruta le go tlhatlhelela barui dikitso le go abelana maele a go tlhabolola leruo go nna la boleng go ka kgatlha thata leitlho la bareki. O ne a tlhalosa fa lephata le dira maiteko a go rutuntsha barui kwa polasing ya puso ya Lobu ka fa ba tshwanetseng go tlhokomela leruo la bone ka teng gore ba tle ba kgone go dira letseno le le botoka.

A re sebe sa phiri ke gore bangwe ga ba tsee dithuto ka tlhwaafalo le gore bangwe ba bone ba beile morwalo otlhe mo badiseng ka ba sa tlhole meraka kgapetsa-kgapetsa mme seo se dire gore fa ba rekisa leruo la bone bareki ba felela ba ngongorega.

Rre Makabe o ne a gwetlha barui go ema ka dinao go tlhokomela leruo la bone ka go le fa dijo tse di tshwanetseng le go sala dikgakololo tsa bakenti morago ka nako tsotlhe. 

O ne a ba rotloetsa gape go aga matlwana a boithomelo kwa merakeng go itsa bolwetsi jwa mabele jo gantsi bo tshwenyang thata mo kgaolong.

E re ntswa go na le lekgotla la barui la Small Stock Association, o boletse fa le sa bereke sentle mme a kgothatsa barui go tshwaragana le maloko a lone go le tsosolosa gore le kgone go emela dikeletso tsa barui ka fa go tshwanetseng ka teng.

Mogwebi go tswa kwa Admiral Toutch Farm kwa Mochudi, Rre Bibin Gopi o ne a tlhalosa fa a reka dihutshane go ya go rekisetsa madirelo a Choppies aa leng mono go ralala lefatshe leno.

 O ne a tlhalosa fa mo nakong e e fetileng leruo le a neng a le rekile mo baruing le ne le sa itekanela sentle morago ga ditlhatlhobo, selo se a supileng fa komponi ya gagwe e ne ya nna le ditatlhegelo ka jalo o ne a supa fa jaanong a tlaa reka ka P14.00 per kg go na le jaaka go le pele a ne a reka ka P15.00 per kg.

Rre Gopi o ne a supa fa go lebega fa barui bangwe ba sa tlhokomele leruo la bone sentle ka bontlha bongwe jwa nama bo ne bo sa siamela go ka jewa. E re lefa go ntse jalo o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go tla go reka dihutshane di le lekgolo.

Mo letsatsing le maikaelelo a komponi ya Admiral Toutch Farm a ne a itaya sefololetse ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka ba ne ba kgona go reka fela di le masome a marataro le boraro ka barui bangwe ba ne ba felela ba busitse dihutshane tsa bone.

Fa a tsibogela dingongorego tsa barui mo potsolotsong, mongwe wa leloko la Small Stock Farmers Association, Rre Pius Tumaeletse o ne a supa fa e le boammaaruri ba sa tshwaragana le go dirisanya sentle le barui mme maikaelelo e le go ikaga sesha le go tsosolosa mokgatlho go ya pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : cathrine simane

Location : TSABONG

Event : Thekiso ya dihutshane

Date : 03 Apr 2022