Barui ba itsapela kgwediso ka seatla
31 Mar 2022
Barui ba rotloeditswe go isa dikgomo tsa bone kwa lefelong la kgwediso ka seatla go le tlhabolola gore ba nne le letsopa le le nonofileng e bile le na le boleng.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane kwa polaseng ya Morupule ya kgwediso ka seatla go bapa le Serowe, Rre Lebogang Ramaloto o boletse fa dikgomo tse di tlhabolotsweng di na le bokete jwa nama le go kgatlhisa.
Rre Ramaloto o boletse fa barui ba itsapa go isa dikgomo kwa kgwedisong ka seatla ka mabaka a a farologaneng, jaaka bangwe ba lela ka dikoloi tse di pegang dikgomo.
A re morui ke ene a itlhophelang gore dikgomo tsa gagwe o batla di gwedisiwa ka moroto wa poo efe e a e ratang.
Mo nakong ya gompieno, ba setse ba tlhatlhetse dikgomo di le makgolo a mane le masome a marataro le botlhano, e bile ba setse ba gwedisitse dingwe tsa tsone.
O boletse fa go na le dikgwetlho kwa polaseng eo, ka e tlhaelelwa ke bodiredi ka gore dikgomo di a disiwa e bile di a fepiwa ka nako e phulo e tlaa bong e sa kgotsofatse.
O boletse fa terata ya polase go na le fa e leng makgasa teng, mme a kopa babereki go nna kelotlhoko ka gore dikgomo tsa batho di ka halala.
Dikgomo tse di isiwang teng ke tse di tswang mo merakeng e e mo tikologong ya Serowe, Palapye le Tonota.
A re bontsi jwa barui ba na le keletso ya go tswakanya leruo, ba dira matsopa a segompieno a a eletsegang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 31 Mar 2022