Breaking News

A bogosi bo boele kwa motheong - Kgosi Moeti

30 Mar 2022

Kgosi Moeti Moeti a re go botlhokwa gore bogosi bo boele mo ditsong, mme letso la bogosi le lemogwe. 

A re go a tshwenya ka gompieno mongwe le mongwe a kgona go nna kgosi le ntswa bo sa mo lebana. 

A re ene o dumela gore bogosi bo na le beng ba bone. 

O buile seo jaaka a ne arogana mogopolo wa le lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela-pele tshekatsheko ya molao-motheo. 

Kgosi Moeti a re batho ba ba ipayang dikgosi mme bogosi bo sa ba lebagana ba atlholwe. O tsweletse a re bomme ba tshwanetse ba tswa mo bogosing ka jaana e se jwa bone, mme a re ba batlelwe ditiro tse di ba tshwanetseng. 

“Gompieno jaana dikgosi di a itlhophelwa mo o kgonang go bona mosadi a tlhomilwe kgosi. Ke kopa gore basadi ba tswe mo bogosing, ga se jwa bone ba neelwe ditiro tsa ofisi,” a tlatsa jalo. 

O ne a supa gape fa sepolotiki le sone se kgotlela bogosi e bile se kuketsa le semorafe mme a kopa gore mapolotiki ba ikgogele morago mo dikgannyeng sa bogosi mme ba lebagane le tiro ya bone. 

O ne a kopa gape gore molao-motheo o lemoge merafe yotlhe le gore e tsewe ka tekatekano. 

Rre Walter Machao ene o ne a re molao motheo o tletse kgethololo le ntswa lefatshe leno e le makgatlhanela thapong. 

A re molao motheo o tshwanetse wa netefatsa gore merafe yotlhe e itlhophela dikgosi tsa yone jaaka molao wa bogosi o gatelela seo. A re bone e le morafe wa letso la Bakgalagadi ba batla go nna le dikgosi kgolo di le tlhano ka gore ke merafe e e farologaneng ka dingwao. 

Rre Machao o ne gape a kgala tsamaiso ya bogosi a re ba lemogile fa batho ba baya ditsala tsa bone dikgosi le ntswa bo sa ba lebagana. 

Mme Obonya Morapedi ene o ne a lela ka tiego ya ditsheko tsa badira-molato wa polao a re molao-motheo o sekaseke ntlha eo mme o rurufatse gore katlholo e dirwa mo dikgweding tse thataro e seng dingwaga ngwaga jaaka go ntse. 

O ne gape a ngongorega ka boitsholo jwa mapalamante ko palamenteng a re ga ba tseye tiro ya bone tsia ka jaana nako e ntsi ba sa bue ka dikgang tsa di amang batlhophi ba bone. 

Mme Morapedi o ne a kgala gape thulaganyo ya go tlhopa makhanselara a a ikemetseng a re bangwe ba boelela maemo go feta gangwe mme a kopa gore molao motheo o sekaseke tsamaiso eo. 

Rre Sheta Katoro ene o ne a kopa gore molao motheo o neele dikhansele dithata mo tirisong ya madi gore di kgone go tlhabolola dikgaolo. 

A re gompieno dikhansele di emela go fiwa madi ke lephata le le di okametseng mme seo se dia ditlhabololo mo metseng. 

Rre Katoro o ne gape a re lekgotla la kabo ditsha le ikemele ka nosi ka jaana le palelelwa ke go diragatsa thomo ya puso ya go aba lefatshe. 

Rre Mokadi Masedi ene o ne a supa fa molao-motheo o dirile go tlala ka diatla mo go tsamaiseng lefatshe leno mme a supa bokoa jwa one fela ka go sa lemoge seabe sa bogosi. 

A re go botlhokwa gore bogosi bo ikemele e nne lengwe la matshego a a tsamaisang puso, mme a tlatsa ka gore ga gona ka fa puso e ka fitlhelelang ditoro tsa yone fa e beile bogosi kwa mahure. 

A re bogosi bo dira tiro e ntle ya go aga setshaba ka jalo seabe sa jone se botlhokwa. 

Rre Eric Bethia o ne are leina la Botswana le fetolwe mme go dirwe patlo maikutlo go batla leina le le ka akaretsang merafe yotlhe. 

A re leina la gompieno ga le maleba ka jaana le kgetholola merafe e mengwe hela ka gore ga e a anya puo ya Setswana mme edirisa diteme di sele. 

O ne a supa gape fa leina leo le sa siama ka jaana go na le Batswana ba ba tlholegang mo mafatsheng a a mabapi jaaka Namibia le South Africa a tlatsa ka gore mafatshe oo mabedi one a ne a fetola maina a one a pele mme a tla ka maina a a kopanyang merafe ya one yotlhe. 

E ne e rile pele, motshwarelela kgosi kgolo ya Batawana , kgosi Kealetile Moremi a supa fa kgaolo ya goo Tawana e humile merafe e e farologanyeng le ka dingwao tota mme e tshela ka kagiso ka jaana go se ope yo o tsewang ka tsogo la molema. 

A re merafe eo e tshwaragane e bile bangwe ba nyalela ba bangwe ka jaana botlhe e le Batswana. 

Kgosi Moremi o ne a lebogela Tautona go bo a bone go le maleba go roma lekoko go sekaseka molao motheo a re go botlhokwa ka jaana o le mogologolo. BOPA

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo

Date : 30 Mar 2022