Breaking News

Patlo ya ngwana e tsweletse

30 Mar 2022

Mookamela mapodisi a District No. 4 e e akaretsang Lobatse, Mme Sarah Gabathuse o rotloeditse banni ba Peleng kwa toropong eo go tshwaragana le mapodisi mo patlong ya ga Tlotso Karema, yo o saleng a timetse Mopitlo a le 18.

Morafe o mo bekeng ya bobedi o le mo patlong ya ngwana yo wa dingwaga tse thataro, yo o dirang lekwalo la ntlha kwa sekoleng se sebotlana sa Hill School kwa Lobatse.

Ngwana o ne a ya sekoleng mme morago ga sekole a ya kwa ga mmaagwemogolo jaaka gale, kwa a fitlhileng a apola paka ya sekole.

Morago o ne a ya kwa a nnang teng kwa a fitlhetseng rre yo o tshelang le mmaagwe, ya re morago a laela gore o ya go lebelela setshwantsho sa motshikhinyego kwa ga mmaagwemogolo, mme go tlhalosega fa a sa goroga.

O ne a bonwa la bofelo a tshameka le ba bangwe, mme ene le tsala ya gagwe ba bo ba re ba ya go palama thaba. 

Ga twe e rile mo tseleng tsala ya boa mme mosimanyana a tswelela a palama.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogogi jwa Lobatse bosheng go lekodisa  banni ka seru se, Senior Superindent Gabathuse o ne a re ba sale ba simolola letsholo la go batla ngwana Mopitlo a le lesome le boferabobedi morago ga go begelwa ke botsadi gore ngwana o timetse.

Senior Supt o ne a tlatsa ka go re ngwana o batlilwe le mo metseng e e gaufi le mo go ba losika, mme ba tsweletse ka go atolosa patlo, a re ba dira se ba tshwaraganye le bogogi jwa kgaolo le baithaopi ba sepodisi.

A re mo letsholong leo la patlo bangwe ba ntshitswe ke kgosi, a kopa morafe go ba thusa go batla ngwana ka tshwaragano ya mapodisi le morafe e ka ntsha maduo.

Monana wa Peleng Botlhaba, Rre Bafo Monakwe o supile gore mathata a a tlhoka gore go itebaganngwe le Modimo ka merapelo.

O ne a kopa bogogi jwa toropo gore bogolo go kopiwe dikereke go dirwe merapelo.

Rre Tlhomamisang Dikai le ene o boletse gore botsadi jwa ngwana ke bone bo tsayang tshwetso ya gore a ba ikgolaganya le ba dingaka tsa setso go batla thuso mme ba seka ba diega.

Ratoropo wa Lobatse, Rre Essop Pandor o lebogetse batsena phuthego, gore e re ba bidiwa ba seka ba ipona tsapa.

A re jaaka mongwe wa banana a buile, seemo se se tlhoka dithapelo tsa ditumelo ka go farologana.  

Mokhanselara wa Peleng Botlhaba, Rre Ontiretse Mosimanewamacha o lebogetse banni ba Peleng go bo ba  tsene phuthego ka bontsi, a tlatsa ka go re Tlotso o kopantse morafe.

O ne a bolela fa dikgakololo tsa morafe di ka thusa, e bile megopolo  e tlaa ba bopa go ya pele, jaaka go rapela go kopa nonofo ya go batla ngwana mo Modimong.

Kgosi Tshegofatso Setumo wa Peleng o lebogetsw morafe go tla ka dipalo go thusana mo nakong e ba lebanyweng ke mathata. 

O ne a rotloetsa popagano le tirisanyo ya letsholo le. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 30 Mar 2022