Moithuti o betilwe ke metsi
29 Mar 2022
Mothuti wa mophato wa bobedi kwa sekoleng se segolwane sa Boitshoko kwa Molepolole o tlhokafetse morago ga go nwela mo letamong la ga Town kwa kgotleng ya Goo-Ntloedibe gaufi le Mafenyatlala.
Moithuti yoo, wa dingwaga tse di lesome le borataro wa kgotla ya Lekgwapheng, go tlhalosega a ne a nwela mo letamong fa a ne a etetse lefelo leo le ditsala go itlosa bodutu.
Mogolwane wa mapodisi a Molepolole le tikologo Superintendent Benedict Matlho o tlhomamisitse fa tiragalo eo e diragetseng ka Matlhatso.
Mogolwane wa mapodisi o ikuetse mo morafeng go tsaya boikarabelo ka go kgalema kokoano epe e e bonwang kwa letamong, le gone go tsibosa mapodisi ka mokgwa oo o tsenya matshelo a batho mo diphatsheng.
Rre Matlho a re diemo tsa mofuta o, di a tshwenya ka jaana leso la motho a le mongwe fela fela e le seru, mme se ka fenngwa ka go nna kelotlhoko le go ikgapha mo mafelong a a sa babalesegang.
Mmangwaneagwe mosetsana yoo, e bong Mme Thabiso Sebetso o tlhalositse fa ngwana a ne a tswa mo lwapeng a sa laela, ka pelaelo ya gore o dule le ditsala mme ba tlaa bowa mo tsamaong ya nako.
A re go tlhalosega fa bana ba ba ne ba ile go itsaya dinepe pele ga ba tsena mo metsing a a feletseng a gapa botshelo jwa yo mongwe wa bone.
Mme Sebetso o supile matshwenyego ka go tlhoka go sireletsega ga letamo la ga Town, le mororo le le fa gare ga motse, e bile le le gaufi le sekole.
O ne a kopa ba ba maleba go tsaya boikarabelo, go netefatsa tlhokomelo ya letamo leo go hema go supana ka menwana fa dibetso tsa mofuta o di setse di tlhagile.
E rile a tsibogela tirgalo eo, modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo, a re e le boeteledipele jwa kgaolo, ba tlhaloganya fa letamo la ga Town le ka nna diphatsa mo matshelong a setshaba, a supa fa thulaganyo e tsweletse go sireletsa tikologo eo.
Modulasetilo Leo a re mo nakong eno, go na le thulaganyo e e tsweletseng magareng ga lekgotla la ditlhabololo la Kweneng le ba kabo ditsha, ka tsholofelo ya gore e tlaa lere tharabololo ya go le baya mo seemong se se amogelesegang.
“Ke go tlhoka lesego gore go bo go nnile le tatlhegelo ya botshelo jwa ngwana yo go neneg go solofetswe go le gontsi mo go ene, mo nakong ya re semeletse go netefatsa pabalesego ya lefelo leo”, ga bua modulasetilo Leo.
Letamo la ga Town le fa gare ga motse, gaufi le sekole se sebotlana sa Bonewamang, mme go lebega banana ba kgatlhegela go itlosa bodutu kwa lifelong leo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 29 Mar 2022