A molao motheo o tlhatlhamololwe
29 Mar 2022
E re lekoko le le romilwelng ke tautona go sekaseka molao motheo le tsweletse ka go tlhotlhoma le metse go tsaya megopolo, kwa Mababe mo kgaolong ya Ngamiland, bontsi jwa banni ba kopile gore molao motheo o simololwe sesha ka jaana o sa ba akaretsa.
Banni bao ba eleng Basarwa ka letso ba re go thata gore ba ka latlhela la mmotlana ka jaana ba tlhaela kitso ka molao motheo ebile ba sa nna le seabe nako ya o dirwa.
Bao ba ba neng ba gatelela ntlha eo ba ne ba supa fa go ne go ka nna molemo fa moeteledipele wa lekoko a ne a ka ba o balela pele gore ba kgone go akgela ba na le lesedi.
Mongwe wa banni, Rre Polelo Tebalo a re molao motheo go ngomola pelo gore ba bo ba bediwa Batswana mme molao o ba beile ka fa mosing ka jaana o sa ba sireletsa.
O supile fa Basarwa e le bone morafe wa ntlha go fitlhela mo lefatsheng leno mme ba tshelela mo leshekereng ka jaana le lefatshe ba le amogilwe.
O tsweletse a re supa fa molao motheo o lemoga merafe e ferabobedi fela mo lefatsheng a re seo ke kgethololo mo merafeng e mengwe.
Rre Tebalo o gateletse ntlha ya gore molao motheo o simololwe sesha gore merafe yotlhe e nne le seabe mo go one.
O ne a supa sekai ka kgaolo ya 77, 78, 79 e e buiwang ka tekatekanyo ya merafe a re ga e berekile merafe e e sa lemogiweng ke molao motheo.
Rre Idea Newa le ene o ne a supa fa molao motheo o sa lemoge morafe wa Basarwa mme le ene a tlatsa mafoko a gore o simolole sesha gore le bone ba nne le seabe.
O ne gape a tshwaela ka gore puso e ba beile ka fa mosing a re ebile o bona go le botoka gore ba seka ba tsaya karalo mo ditirong di tshwana le palo batho le ditlhopo.
A re ga ba kgone go tshela matshelo a bone ba phuthologile ka ba kgolerediwa ke melao mengwe ya puso.
Rre Newa o kopile gape gore lekgotla la kabo ditsha la Tawana le fetolwe leina le sekwa la bitswa ka maina a merafe. Mme Keontse Kakonda le ene o ne a supa fa ba sa itse molao motheo a re go ntsha megopo e tla bo e le go ikgolega fela.
Le fa go ntse jalo o ne a tshwaela ka gore puso e sekaseke phuduso (transfers) tsa barutabana ka mmetela ka jaana di ama maduo a sekole.
O ne a ntsha sekai ka sekole se sebotlana sa Mababe a re se ntse se phala tse dingwe mo kgaolong mo maduong a lokwalo lwa bosupa mme gompieno maduo a wetse tlase ka lebaka la go fudusa barutabana.
Mme Dikeledi Dikono ene o ne a kopa gore molao motheo o lemoge merafe yotlhe ka go lekana a tlatsa ka gore go botlhokwa gape gore merafe eo e nne le dikgosi kgolo fela jaaka e e lemogiwang le molao motheo.
Mr Therisanyo Mogodu e ne o ne a kopa gore motokwane o letlelelwe mo lefatsheng gore batho ba kgone go gweba ka one.
A re lefatshe leno le tshwanetse la tsaya malebela mo mafatsheng mangwe a a mabapi a a letlelang batho ba one go gweba ka motokwane.
O ne gape a kopa gore molao motheo o lemoge baloi fela jaaka o lemoga dingaka, baruti ka go ba neela diteseletso.
Mme Olapeng Sebati ene o ne a kopa gore ditlhopo tsa mopalemente de balelwe kwa matlhophelong a makhanselara.
O ne a kopa gape gore babelaelwa ba seka ba letela ditsheko kwa kgolegelong go fitlhelela ba bonwa molato.
E ne ya re a ntsha mafoko a malebo, mothusa modulasetilo wa lekoko, Rre Johnson Motshwarakgole a kopa banni go tsaya tsia tshwetso ya lekoko go akaretsa motse wa bone a re ga se metse yotlhe e lekoko le tla tsaya megopolo.
A re fa ba sa ntshe megopolo ba ithuntsha tshwanelo ya bone ya gore aga molao motheo o o ba ba tshedisang botoka.
O ne a ba lemotsha gape fa molao motheo e le wa Batswana botlhe mme thomo ya lekoko e le go tla go utkwa gore o ka dirwa jang gore ba kgone go tshela ka thokgamo ba thubile kobo segole. BOPA
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MABABE
Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo
Date : 29 Mar 2022