Breaking News

Sireletsang merafe kgatlhanong le khuduga ya pateletso

28 Mar 2022

Go pateletsa merafe go huduga mo mafelong a ba fitlhelwang mo go one morago ga go bonwa ga mahumo ape hela a tlholego ke tsuulolo ya ditshwanelo tsa setho. 

Mme Diphetogo Lekgowa wa mokgatlho wa Tane Ko Teemahane Women’s Foundation, o o emetseng ditshwanelo tsa batho ba ba tlholegileng mo mafelong a go nna jalo, o buile jalo a bolelela lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo fa le ne le etetse motse wa Khwai ka maabane. 

“Re ne re re mo dikgaolong tsa rona jaaka re le mo makgobokgobong a rona a Okavango world heritage , re kopa gore sepe se e leng gore se a dirwa se seka sa kgopeetsana le batho ba eleng gore ba fitlhelwa fa ebile ba gweba ka ditsatlholego tsa lefelo le,” a bua jaana. 

A re ere ntswa lefatshe la Botswana le beile monwana ditumalano tsa mafatshefatshe la be la ikana gore le tla sireletsa ditshwanelo tsa merafe e tshwana le ya Basarwa, se ga se diragale. 

O ne a re: “A Botswana a itlame abe e diragatse se a se beileng monwana kwa diphuthegong tsa mafatshefatshe”. 

Ka jalo, Mme Lekgowa o ne a kopa gore go seka ga dirwa sepe se seka kgotlelang tikologo kgotsa sa senya boleng jwa mahumo a tlholego a a fitlhelwang mo kgaolong ya Okvango. 

A re ele banni ba Okavango ba tshwentswe ke dipego tsa gore lefatshe la Botswana le beile monwana tumalano ya go hetlha ole (oil) mo makgobokgobong, mme a tlhalosa fa seo sa sa siamela makgobokgobo.

 “Re kopa gore molao-motheo o re sireletse katlhanong le dikgang tse,” a gatelela jalo. 

Kgosana ya Tetlanyo ya motse wa Khwai, Mme Lesie Kwere ene o ne a kopa gore molao-motheo o sireletse ngwao ya Sebokakhwe, ba eleng Basarwa ba ba fitlhelwang mo Khwai.

O tlhalositse fa se sele botlhokwa fela thata ka jaana ele morafe ba tswa kgakala ba itshetsa ka ngwao le mmino wa bone. 

O tlhalositse fa setlhopha sa mmino wa setso sa Basarwa ba letso la Sebokakhwe se tswa kgakala se itshetsa ka go binela setshaba mo medirong e metona e tshwana le wa go ipelela boipuso le e mengwe fela jalo. 

Ka jalo, Mme Kwere o ne a kopa gore molao-motheo o tlame puso go thusa ditlhopha tsa mmino wa setso go itshetsa. Goya ka Mme Kwere, yo gape e leng Modulasetilo wa setlhopha sa Babokakhwe se ka tlotlomatsa ngwao le ditso tsa merafe ka go farologana mo lefatsheng leno. 

Rre Letebele Sejwara o ne a iteela moroko mafoko a ga Mme Kwere a gatelela gore setlhopha sa Bokakhwe se tswa kgakala ka jalo sone le tse dingwe ditlhopha tsa mmino wa dingwao tsa Merafe e mengwe di tlhoka go lemogiwa tsa be tsa sirelediwa ke molao-motheo. 

Rre Sejwara o ne a kopa gape gore molao-motheo o sireletse merafe e e fitlhelwang mo mafelong a go fitlhelwang ditsa-tlholego mo go one kgatlhanong le kgokgontsho kgotsa go patelediwa go huduga mo mafelong a go nna jaana fa go fitlhelwa ditsa-tlholego.  O tlhalositse fa tshepo ya gagwe e le gore dikeletso tsa bone ele morafe di tla a sekwasekwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : KHWAI

Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo

Date : 28 Mar 2022