Banana ba rotloediwa go le aramela
28 Mar 2022
Banana ba Palapye le metse e e mabapi ba rotloeditswe go dirisa mananeo a lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao a ba a diretsweng go tokafatsa matshelo a bone.
E rile a bua mo thuto-puisanyong kwa Palapye ka Labotlhano, tona wa lephata leo, Rre Tumiso Rakgare a tlhalosetsa banana gore maikaelelo a bokopano joo e ne e le go tla go buisana ka dikgang tse di ba tshwenyang le go ka batla maano a go di rarabolola.
Rre Rakgare a re go tlhoka go nna le nako ya bokopano jwa go amogana matshwenyego le maele ga mmogo le go tlhoka go lemogela mananeo a ba a diretsweng ke dingwe tsa dilo tse di tlhaelang mo bananeng.
A re motse o tshwana le wa Palapye o ka nna le menyetla e le mentsi go lebeletswe ka fa o golang ka teng.
O ne gape a ba rotloetsa go batlisisa gore letlhoko la ditiro mo bananeng le bakwa ke eng le go tla ka maano a go thusana le puso go le fokotsa.
Tona o ne a ba kgothatsa go dirisa maranyane mo dilong tsa botlhokwa.
A re ba ikgolaganye le batho ba ba ka anywang sengwe mo go bone gore ba kgone go tswelela mo botshelong.
Le fa go ntse jalo, Rre Rakgare a re le ntswa banana ba lebaganwe ke dikgwetlho, ba tshwanetse go ikgapha mo dilong tse di ka sekeng tsa ba solegela molemo.
A re o lemogile fa banana ba leka go itebatsa mathata a ba nang le one ka go inaakanya le nnotagi le botlhokatsebe.
Fa ba akgwa tona dikgaba, banana ba ne ba lebogela bokopano mme ba ntsha matshwenyego a a farologanyeng a akaretsa kgwetlho e tshwana le letlhoko la lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone.
Mongwe wa banana ba ba akotseng mo lenaneong la Youth Development Fund mo Palapye e bile e le mogolwane wa kgwebo ya Warona Mills, Rre Thatayaone Marope o ne a re go na le menyetla e le mentsi mo Botswana mme banana ga ba kgone go e lemoga.
Rre Marope o ne gape a rotloetsa banana ka ene gore le fa dikgwebo tsa bone di na le dikgwetlho ba seka ba di letlelela gore diphutlhame ka go dira jalo go ka dira gore letlhoko la ditiro le gakale.
Mongwe wa banana, Rre Moabi Aleseng go tswa kwa Lecheng o ne a tlhalosa fa letlhoko la ditiro mo bananeng le bakwa ke kgang ya gore dikitso tse ba di anyang kwa dikoleng ga di tsamaisane le tse itsholelo e di tlhokang.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa modulasetilo wa Botswana National Youth Council, Rre Tshenolo Palai o ne a akgolela banana ba Palapye go tsaya karolo mo dipuisanyong tse.
O ne a ba rotloetsa gore e nne banana ba ba emelelanang le dikgwetlho, ka ba ka bona menyetla mo dikgwetlhong.
Thuto-puisanyo e, e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng; Banana ba ba Nang le Kitso, Bogogi jo bo Emelelanang le Dikgwetlho - go isa kwa Bananeng ba ba Nang le Kitso e bile ba Emelelana le Dikgwetlho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : PALAPYE
Event : Thuto Puisanyo
Date : 28 Mar 2022