Breaking News

Palo batho e tsweletse sentle

28 Mar 2022

Mogokaganyi wa thulaganyo ya palo batho kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Chris Moseki a re palo batho kwa kgaolong ya gagwe e tsweletse sentle.

Palo ya batho e simolotse kgwedi eno e le lesome le boferabobedi mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe leno, mme e solofetswe go wela ka Labone.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Moseki o tlhalositse fa go fitlha jaana ba ise ba kopane le mathata ape, fa e se dikgwetlho di se kae fale le fale, tse a tlhalositseng ba itepatepanya le tsone.

A re e ne ya re kgwedi eno e le lesome le bofebobedi, babadi ba batho ba le makgolo a mabedi, masome a mabedi le boferabobedi  le baeteledipele ba bone ba le masome a matlhano le motso, ba bo ba le kwa mafelong a ba rometsweng kwa go one. 

O tlhalositse fa batho bao ba ne ba nna  le sebaka sa go ipega kwa boeteledipeleng jwa mafelo ao go santse go emetswe didirisiwa tsa boranyane.

A re ka jaana didirisiwa tseo di ne di tshwanelwa ke go tsenngwa tsotlhe tse di tlhokafalang, bontsi jwa babadi bo ne jwa simolole tiro mo letsatsing le le latelang.

Le fa go ntse jalo, Rre Moseki a re pele ga thulaganyo eo e simolola, kgaolo ya gagwe e ne ya leka bojotlhe go itsolopanya, segolo jang go lebeletswe ntlha ya ditsompelo di tshwana le dikoloi le gone go rutuntsha babadi.

A re ba ne ba rutuntsha babadi ba ba fetileng palo e e neng e tlhokega, go direla gore ba ba tserweng fa ba ka nna le ditshwarego dingwe, ba kgone go ba emisetsa ka ba ba setseng ba rutuntshitswe.

Rre Moseki a re go dira jalo go ba solegetse molemo ka jaana babadi ba le barataro ba sa tswa go tlogela tiro mme e bile phatlha ya bone e setse e thibilwe.   

A re se se nametsang ke go bo go ise go nne le epe ya dikoloi tse ba di dirisang, e e nnileng le bothata.

Rre Moseki a re o itumedisiwa gape ke go bo ba ise ba amogele dipego dipe tsa ba ba ka tswang ba gana go balwa, a re boemong jwa moo babadi bangwe ba supa fa batho bangwe ba ba latela kwa ba ka tswang ba le teng, go ba tsibosa fa ba ise ba balwe.

A re seo se mo fa tsholofelo ya gore palo batho mo Bokone Botlhaba e tlaa wela ka thelelo, ka jalo a kopa banni ba kgaolo le babadi ba batho go tswelela ka tirisanyo mmogo ya bone, ba itse fa ba thusa lefatshe go ya pele.

Fa a itebaganya le dikgwetlho dingwe, Rre Moseki o supile fa kgaolo ya bone e dikaganyeditswe ke dipolasi tsa beng di le mmalwa, tse babadi ba tshwanetseng go tsena kwa go tsone ba bala batho ba nnang mo go tsone.

A re ka jalo se se tshwenyang ke go bo ditsela dingwe tse di yang kwa go tsone di le maswe, selo se a boletseng se felela se tlama babadi go tlogela dikoloi sekgalanyana, ba bo ba tsamaya ka dinao go goroga koo.

A re kwa mafelong mangwe a ba lemogang a sa babalesega, babadi ba ya koo ba patilwe ke mapodisi.

Kwa bokhutlong, Rre Moseki o ne a akgola go menagane komiti ya kanamiso mafoko ya palo batho ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, a re e dirile botswerere mo go tlhagoleleng thulaganyo eo tsela, ka go tsibosa le go anamisa molaetsa kwa setshabeng.

A re o dumela fa seo se na le seabe se segolo mo go kgothatseng banni ba kgaolo go tsaya tsia le go tsibogela thulaganyo eo. Ends

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 28 Mar 2022