Breaking News

A molao o patike puso go lemoga dingwao tsa merafe

27 Mar 2022

Go botlhokwa gore puso e tlotle e bo e lemoge dingwao tsa merafe ka go farologana. 

Se se builwe ke Mme Rebecca Tawana wa motse wa Mabele mo kgaolong ya Chobe mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go seka-seka molao-motheo. 

Mme Tawana a re go le gantsi puso e iphitlhela e gotlhagotlhana le tsamaiso le ngwao ya merafe, selo se a reng ga se a siamela kagiso le thokgamo tse di fitlhelwang mo Botswana. 

A re tsamaiso e tshwana le go bolaya phologolo fa go tlhongwa Kgosi e tshwanetse ya lemogwa fa e le karolo nngwe e e botlhokwa mo ngwaong le tsamaiso ya merafe. 

Mme Tawana o ne a lopa gore molao-motheo o tlame tsamaiso go letla ope hela yo o eletsang go kopana le Tautona go dira jalo ntle le motsopodia o a tlhalositseng fa o sa amogelesege. 

One gape a kopa gore molao-motheo o tlhofofatse thulaganyo e ka yone motsadi ope a lopiwang go supa mokwalo wa gore rangwana kgotsa mmangwana o letla gore ngwana a tlole molelwane go jela nala kwa lefatsheng le sele. 

A re molao-motheo o tshwanetse wa nna le tsetlana e e letlelelang motsadi yo o nnang le ngwana ntle le motsadi yo mongwe wa ngwana yo gongwe ba sa tlholeng ba tseisana molelo go rebola gore motsadi wa go nna jalo a seka a batlwa mokwalo. 

“Batho ba bangwe ba dirisa thulaganyo e go dira botshelo jwa batsadi ba ba nnang le bana ba go nna jaana thata ka go gana go dira mekwalo eo mme ba sena mabaka ape a a utlwalang,” a bua jalo. 

Rre Simasiku Samunzala e ne one a supa fa nako e gorogile go letlelela batho ba ba batlang go dirisa motokwane go dira jalo ba sosologile. 

“Ha ele gore ra re ke tshwanelo go letlelela ka fa molaong batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe, a re letlelele ba ba dirisang motokwane go dira jalo,”a nganga jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : KAVIMBA

Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo

Date : 27 Mar 2022