A dikgosi di kwadise dikereke - Kavimba
27 Mar 2022
Boikarabelo jwa go kwadisa dikereke bo tshwanetse jwa dirwa ke dikgosi go dibela go tlhagoga ga ditumelo tse e seng tsone mo setshabeng. Monni wa motse wa Kavimba Rre Museke Ntukwa, o buile se ka Labotlhano fa a rolela mogopolo lekoko le le tlhophilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo.
Rre Ntukwa a re dikgosi ka di itse batho mo gae botoka, ke tsone di ka tlhotlhang batho ba ba batlang go bula dikereke, mme seo se thibele go nna teng ga ditumelo tse di sokameng mo metseng.
A re tshwanelo e e mo molao-motheong ya go obama ka tshosologo e baa setšhaba mo diphatseng ka jaana bangwe ba ka e dirisa go tla ks ditumelo tse di hapogileng.
Mo ntlheng e nngwe, monni yoo o kopile gore molao o fetolwe go iletsa ope yo o batlang go nna Tautona kana Mothusa-Tautona go nna le kamano le phathi epe ya sepolotiki.
A re bobedi joo bo tshwanetse jwa nna botsadi jwa setšhaba jo bo sa gogeleng kobo kwa letlhakoreng lepe la sepolotiki.
Seo a re se ka fa maemo a bone seriti bogolo jang go lebilwe go kolopana ka mafoko mo mo mapolotiki a go dirang gangwe le gape.
Rre Charlton Samunzala ene o supile fa lefatshe la Botswana le ka seke le phimole tsetlana ya go letlelela basekisiwa go ka ikopela go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo ka e amana le melao ya mafatshefatshe.
A re se se ka dirwang ke go oketsa nako e babelaelwa ba ka tshegediwang mo kgolegelong go santse go letilwe go dirwa ga ditlhotlhomiso.
A re nako eo e ka ntshiwa go tswa ka malatsing a mabedi go ya kwa kgweding kana tse pedi, mme seo se dirwa go ntse go etswe thoko gore molao-motheo o file motho mongwe le mongwe yo o tlisiwang fa pele ga lekgotla tshwanelo ya go seka a sa gobelelwe.
Rre Richwell Tawana wa motse wa Mabele ene o kopile gore molao o iletse molaodi go nyadisa a ise a tlhomamise gore a batsadi ba a itse ebile ba amogela gore bobedi bo ka nyalana. Rre Tawana a re go nyadisa ntle le kitso ya batsadi go baa banyalani segolo jang ba bomme ba ba nyalaneng le batswakwa mo diphatseng .
A re gantsi bomme bao fa ba sena go fudugela le borre ba bone kwa mafatsheng a sele, ba feta fa sotlwa setlhogo mme go seke go nne bonolo mo batsading go ba thusa go boela gae ka fa gongwe ba a bo ba sa itse le gore ba nyetswe.
Monni Rre Simasiku Samunzala o ne a kopa gore molao o tlame puso gore e thuse banana mo go lekaneng gore ba kgone go akola mananeo otlhe a dithuso tsa bone.
A re mo mabakeng a le mantsi baikopedi ba mananeo ba kopana le dikgoreletsi tse dintsi tse di ba paledisang go tswelela ka tse ba di ikgethetseng mme puso e seke e dire mo go bonalang go ba thusa.
Rre Samunzala a re tse di tlhokwang gore dikopo tsa baikopedi di amogelesege le tsone di dintsi thata mme ka jalo a kopa gore tse dingwe di seegelwe kwa thoko mo baikopeding ba banana gore go nne bonolo gore ba akole mananeo.
Rre Simon Tshekonyane, yo a leng mo kgwebong ya go tsamaisa bajanala o ne a kopa puso go emela ka dinao go baakanya mabaka a pereko a mhama wa bojanala.
A re badiri ba mhama oo ba jewa ntsoma ka jaana ba bereka bokete mo mabakeng a a sa siamang.
A re dituelo tsa bone le tsone di kwa tlase mo go ngomolang pelo, mme a kopa gore puso e tsholetse seelo se bahiri ba ka se duelang badiri ba mhama oo.
Rre Allen Sabbas yo a tshelang ka bogole o ngongoregile ka boseyong jwa tsetlana ya molao-motheo e e sireletsang ditshwanelo tsa ba-nale-bogole.
A re melawana (policies) e e leng teng ga e a lekana ka puso e sa tlamege go e diragatsa.
Rre Sabbas obile gape a kopa gore molao o sireletse bomme ba ba-nale-bogole kgatlhanong le go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le go tshodisiwa bana ntswa fa gongwe ba a bo ba sa itekanela mo tlhaloganyong go ka tsaya tshwetso ya go tlhakanela dikobo kgotsa go nna le bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : KAVIMBA
Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo
Date : 27 Mar 2022