Betsi ba re ba sirelediwe ke molao-motheo
27 Mar 2022
Bomme ba ba nyetsweng ba tswa ko ntle ba kopile tshireletso ya molao-motheo wa lefatshe la Botswana.
Se se boletswe ke Mokwaledi Mogolo wa Lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go seka-seka molao-motheo, Mme Pearl Ramokoka fa a ne a soboka megopolo e banni ba kgaolo ya Chobe ba e aroganeng le lekoko beke e e fitileng kwa metseng ya Kasane, Pandamatenga, Parakarungu, Kachikau le Kavimba.
O tlhalositse fa betsi ba go nna jalo ba tlhalositse fa tsamaiso ya nako eno e ba sokodisa go ba neela boagedi mme ebile ba sa letlelelwe go bereka kana go dira tiro epe e ba ka itshetsang ka yone.
“Jaanong fa ba ntse jaana go sena tiro epe e e leng gore ba ka itshetsa ka yone go raya gore morwalo wa go tlhokomela bana o nna mo go borre ebe go baka dikgotlhang mo malwapeng tse go le gantsi di bakang tlhalo,”o ne a tlhalosa.
Se go ya ka Mme Ramokoka se tlogela bomme ba go nna jaana ba le mo legoeleleng le bana.
O tlhalositse fa betsi ba kopile go sirelediwa ka molao-motheo le gone gore molao motheo o letle bana ba batsadi ba go nna le boagedi ja mafatshe a mabedi.
A re mo gongwe bomme ba ba supile fa ba sa sireletsega fa ba tlhokafalelwa ke borre ka jaana ba tseelwa dithoto, ba sotlakwa, ba tseelwa mme ebile ba fa gongwe ba patelediwe go nyalwa seya-ntlo.
A re ka jalo bomme bao ba batlholagadi ba kopile tshireletsego gore ere le fa ba le mo lwapeng ka nako ya go roula go seka ga dirwa gore ba lete lebaka le le leele thata mo ba ka felelang ba senyegetswe ke ditiro.
“Batho ba kgaolo ya Chobe ba kopile gape gore molao-motheo o sireletse bana kgatlhanong le manyalo a bana kgotsa go ba baya letlhokwa,” o ne a bua jaana, a tlatsa ka gore banni ba batla gape gore molao-motheo o dire gore dikgetse tsa tiriso botlhatswa ya bana di fefosiwe.
A re banni gape ba supile fa ba tlhobaediwa ke go tlhoka go fegogela dikgang tseo, ba tlhalosa fa e le mangwe mabaka a a dirang gore badira-melato ya go nna jalo ba tswelele ba dira melato e mengwe gape.
Sengwe se banni ba kgaolo ya Chobe ba neng ba se kopa go ya ka Mme Ramokoka ke gore go nne ka fa molao-motheong tsetlana e e tlaa tlamang batsadi go tsaya boikarabelo ja go tlhokomela bana le fa go ka nna le tlhalo kgotsa kgaogano epe fela.
Mo go di mo ga moo, Mme Ramoroka o kaile fa baagi ba Chobe ba eletsa gore thuto e patelediwe ka fa molaong mme ebile molao-motheo o tseele ope fela motsadi kgotsa motlhokomedi wa bana yo go ka fitlhelwang a gotlhagotlhana le tsetlana e. “Mme ebile go ne ga nna le kgang ya ba-na-le-bogole.
Gore ba tshwanetse ba tlhokomelesega jaaka bana ba bangwe.
Ba re e nne tshwanelo gore bana ba ba sireletsege ba bo ba tlhokomelesege sentle,” a atlhalosa.
A re banni ba ne gape ba supa matshwenyego ka borre bangwe ba ba imisang bomme ba ba-na-le-bogole mme ba ba phuaganye ka bana.
Kgang ya teka-tekano ya merafe e ne ya nna nngwe ya dikgang tsa moruthutha ga mmogo le go lemogwa ke molao-motheo ga dikgosi tsa merafe.
Baagi ba ne ba kopa gore molao-motheo le one o kwalwe ke diteme tse di farologanyeng tse di dirisiwang mo lefatsheng la Botswana gore mongwe le mongwe a kgone go e ipalela a bo a o tlhaloganye.
Mme Ramokoka o tlhalositse fa banni ba ne ba kopa go letlelelwa go godisa ditso le mekgwa ya bone e e siameng le go ikgantsha ka ngwao tsa bone ba phuthulogile.
A re: “Ba ne ba kopa jalo gore puso e fe merafe dithuso tsa go seka dikgang tse di amanang le dithuto tsa yone.”
E re go ntse jalo, Mme Ramokoka o kopile banni ba Ngamiland ba lekoko le tlaa bong le le mo kgaolong ya bone beke e go tla ka dipalo tse dintsi kwa diphuthegong go tla go abelana megopolo le lekoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : Kasane
Event : Phuthego ya tsheka-tsheko molao-motheo
Date : 27 Mar 2022