Breaking News

Mokgatlho wa Otjoro o abela sekole

27 Mar 2022

Ba mokgatlho wa Otjoro Club 84 ba abetse sekole se sebotlana sa Legotlhwana mo kgaolong ya Bokone Bophirima printer le dietsele tse di tlaa abelwang bana ba sekole.

Modulasetilo wa mokgatlho o, Rre Alfred Kale o tlhalositse fa Otjoro e le mokgatlho wa batho ba merafe ya Baherero le Bambanderu mo Botswana ba ba tshotsweng ka 1984.

Rre Kale a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go tsosolosa ngwao le go ruta setshaba ka ditso tsa merafe eo.

O buile fa ba itlamile go fetola matshelo a batho, ka jalo ba bone go le botlhokwa go aba motshine oo, dipampiri, le dimpho tse di tlaa abelwang bana ba sekole ka letsatsi la kabo dimpho ngwaga o wela.

Modulasetilo o tsweletse ka go bua fa ba kopana ngwaga le ngwaga go rulaganya gore ba ikaelela go dira eng mo isagong e le mokgatlho.

A re ngwaga o o fetileng ba ne ba kopane kwa Charleshill kwa ba neng ba aba ditilo tsa bana ba sekole sebotlana.

O ne a kgothatsa baithuti gore ba ithute thata, a tlatsa ka go re ba tlotle barutabana le batsadi.

E rile a tswa la gagwe, Mokwaledi mogolo wa Botswana Public Employees Union, Rre Topias Marenga a leboga ba Otjoro Club 84 ka maiteko a bone a go abela sekole sa Legotlhwana.

A re go neela ke selo se se tshwanetseng go rotloediwa thata ka go aga setshaba, a tlatsa ka go re Modimo o tlaa ba okeletsa ka go bo ba dirile tiro e ntle.

O supile fa a dumela gore didiridsiwa tse di tlaa tokafatsa thuto ka go bo barutabana ba tlaa a kgona go oketsa dipampiri ka motshine oo gore moithuti mongwe le mongwe a kgone go balela le kwa lwapeng.

Rre Marenga o tlhalositse fa go itumedisa go bona Batswana ba tshwaraganetse thuto le puso ka go tswelela ba abela dikole didirisiwa tse di tokafatsang thuto.

O kgothaditse maloko a Otjoro Club 84 gore ba inaakanye le dikgwebo gore ba kgone go dira madi go godisa mokgatlho wa bone.

Mogokgo wa sekole sa Legotlhwana, Mme Seinameng Ledimo o ne a lebogela dimpho tse, a supa fa sekole sa gagwe se na le dikgwetlho tse dintsi ka se saletse morago ka ditlhabololo.

A re sekole sa bone se na le baithuti ba le lekgolo le masome a matlhano le botlhano e bile se simolotswe ka Ipelegeng morago ga go lemoga fa bana ba tsamaya sekgala go ya sekoleng kwa Toteng.

O ne a supa fa ba simolotse go nna le lokwalo lwa bosupa ka 2015 mme ba ne ba fenya ditlhatlhobo ka 72 per cent, a tlatsa ka go re ngwaga o o fetileng ba ne ba seka ba dira sentle ka ba dirile 52 per cent.

Mme Ledimo a re go a itumedisa go bona mekgatlho e kgatlhegela go ba abela didirisiwa tse di ka tokafatsang thuto.

A re thuto e tshwanetse go tshwareganelwa ke batho botlhe.

O ne a itlama gore sekole sa gagwe se ikaelela go dira ditso monongwaga ka go fenya  ditlhatlhobo tsa lokwalo la bosupa.

Kgosi Badihedi Ditsilepele wa Legotlhwana o ne a bua fa mowa wa go neela o tshwanetse go rotloediwa mo Batswaneng.

A re go neela go aga setshaba.

O ne a supa fa baithuti ba tlaa kgothatsega go dira ka natla, a tlatsa ka go re ba tlaa nna ka go gakologelwa mokgatlho wa Otjoro Club 84  ka go bo ba dirile bontle mo matshelong a baithuti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : LEGOTLHWANA

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Mar 2022