Mananeo a puso a rerelwa mo kgotleng - Kgosi Setumo
27 Mar 2022
Kgosi Tshegofatso Setumo wa Peleng kwa Lobatse a re diphuthego tsa kgotla di botlhokwa ka mananeo otlhe a puso a rerelwang teng.
Kgosi Setumo o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla le banni ba Peleng Bophirima, e mo go yone baemedi ba maphata mangwe a puso ba neng ba ruta setshaba.
Kgosi a re go botlhokwa go tsena diphuthego tsa kgotla, a tlatsa ka gore ‘pilediwa e a lwela’.
Mooki wa botsogo jwa tlhaloganyo, Mme Mosetsanagape Tjolinga go tswa kwa kokelwaneng ya Peleng Central o ne a supa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo tsaya phekelo e sele.
A re dipalo tsa balwetse di tsweletse ka go oketsega.
Mme Tjolinga a re bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka bakwa ke dilo tse di mmalwa.
A re bo kanna mo mading, kgotsa e le segotso, kgotsa motho a kile a amega mo kotsing ya tsela, go dirisa ditagi le tse dingwe.
O boletse gore motho fa a tshotswe ka bolwetse jwa tlhaloganyo go tsaya nako gore bo itshupe, mo gongwe go dirwe ke gore motho o latlhegetswe kana o swetswe.
O ne a bolela ka botlhokwa jwa gore molwetse a bonwe fela lantlha fa bolwetse bo simolola go itshupa, a re seo se ka thusa go bo laola.
Mogolwane wa tsa melemo, Mme Dineo Kelesitse a re ba fa balwetse melemo ya tlhwatlhwa e bile e babalesegile, a tlatsa ka go re le balwetse ba ba robaditsweng go netefadiwa gore ba bona kalafi e e maleba.
O tlhalositse gore motho o tshwanetse a bo a bonwe ke ngaka kgotsa mooki a mo kwaletse melemo gore yo o e abang a mo neele e e kwadilweng.
Mogolwane gape go tswa mo lephateng la botsogo le boitekanelo, a lebagane le tsa melemo, Mme Nkeletsang Monyepi o tlhalositse gore go santse go na le tlhaelo ya melemo ya malwetse jaaka ya madi a matona le khupelo.
A re mme puso e leka ka bojotlhe go bona gore ditlamelo di nna teng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Peleng West, Rre Tlamelo Nkemelang ene o rotloeditse batsadi go isa bana kwa kokelwaneng go thusiwa ka tsa botsogo jwa tlhaloganya, ka bangwe ba inaakantse le go dirisa diritibatsi.
O ne a kopa gore balwetse ba tlhaloganyo ba akarediwe mo lenaneong la balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 27 Mar 2022