Breaking News

BotswanaPost e tsweletse ka go ntshafatsa le go aga diposo

27 Mar 2022

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Mabuse Pule o akgotse BotswanaPost go bo e tsweletse ka go ntshafatsa le go aga diposo tse disha.

Rre Pule o ntshitse kakgolo e a bula poso e e agilweng sesha ka P650 000 kwa Tumasera ka Labone.

O ne gape a akgolela BotswanaPost go dira ka natla go isa ditlamelo gongwe le gongwe kwa Motswana a di tlhokang teng.

Rre Pule a re fa madi a ne a le teng, go ka bo go agwa poso motse mongwe le mongwe.

A re puso e tlaa tswelela e eme nokeng BotswanaPost, go tlhabolola diposo gammogo le go tokafatsa ditirelo tsa yone.

O bile a ba akgolela gore mo seelong se ba neng ba se ipeetse sa go ntshafatsa kana go aga diposo di le lesome, ba kgonne di supa le ntswa ba sa akarediwa mo lenaneo la ditlhabololo la NDP11.

Rre Pule a re maiteko a BotswanaPost a go baakanya dikago e tshwaraganye le morafe a rotloetsa maitlamo a puso e a beileng lefatshe pele.

A re peeletso e e dirwang ke BotswanaPost ya go baakanya le go aga dikago tse disha e setse e ntsha maduo a a bonalang mo setshabeng a bo a supa fa ofisi ya poso e tsweletse ka go rotloetsa itsholelo le tlhabololo magae.

Rre Pule a re BotswanaPost e dirile lenaneo le sentle ka madi a a lekanetseng e bile e tsamaelana le tsiboso ya ga Tautona gore mananeo a dirwe ka nako le madi a a beilweng gape go dirisiwa beng gae.

Mogolwane wa BotswanaPost, Rre Cornelius Ramatlhakwane a re metse mengwe mo lefatsheng leno ga e na diposo fa bontsi jwa tse di leng teng di onetse.

Rre Ramatlhakwane a re mo nakong ya gompieno ba mo letsholong la go bula diposo di le tharo kwa Tumasera, Rakops le Pandamatenga.

A re ba tsweletse ka maiteko a go baakanyetsa bodiredi bonno ka ke bone ba isang ditirelo tsa poso kwa setshabeng.

Rre Ramatlhakwane o kaile fa puso e le maoto a tshupa go duela poso mme a kopa mothusa tona go tsibogela kgang e.

O rotloeditse mofare go reka mabokoso a poso, a re go na le a a dirisang maranyane a virtual post.

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Rre Kesitegile Gobotswang ene o ne a re poso e tswa kgakala e golaganya batho mo lefatsheng.

A re poso e godile e bile e itepatepantse le ditlhabololo tsa maranyane a segompieno, selo se a reng se tokafatsa itsholelo.

Rre Gobotswang o akgotse BotswanaPost a re e dira ditirelo di le dintsi.

O rotloeditse morafe go netefatsa gore ba a balwa ka gore dipalo tsa bone di botlhokwa le gore ba tseye mokento wa tlaleletso wa COVID-19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : TUMASERA

Event : Potsolotso

Date : 27 Mar 2022