Furnmart e aba mamphemphe
27 Mar 2022
Mme Tolani Taele wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa o ikgapetse dilwanana tsa P40 000 tsa ntlo mo kgaisanyong ya Furnmart e mo go yone moreki a neng a tshwanelwa ke go bo a rekile dilwana tsa modiro wa Defy.
Mme Taele o fentse kgaisanyo morago ga go reka setsidifatsi le waelese tsa Defy kwa Furnmart ya Tsabong.
Fa a bua kwa moletlong wa go rolela Mme Taele Dimpho ka Labotlhano kwa Tsabong, modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe o kgothaditse banni ba Kgalagadi Borwa go rotloetsa mabentlele a a mo kgaolong.
Rre Baitsiwe yo gape e leng mokhanselara wa Omaweneno/Kisa/Maralaleng o supi fa a le motlotlo go bo Mme Taele a tswa kwa kgaolwaneng ya gagwe.
O rotloeditse banni go dirisa madi ka kelotlhoko, go reka dilwana tse di nang le boleng le go nna ba iteka lesego ka go tsenelela dikgaisanyo tse di ka tokafatsang matshelo a bone.
Moeteledipele wa lebentlele, Rre Oduetse Masaka o supile fa kgaisanyo e, e ne e le teng gape kwa mabentleleng a Furnmart kwa Namibia le South Africa, kwa le gone go nnileng le bafenyi.
Rre Masaka a re Mme Taele o nnile mofenyi mo mabentleleng a le masome a supa le botlhano go ralala lefatshe leno.
A re morekisi yo o neng a thusa mofenyi, o atswitswe ka dijo tsa P500, go mo tiisa moko go tswelela a bereka ka natla.
Mogolwane go tswa kwa Defy Botswana, Rre Osegofetse Dikeleko o boletse fa tirisanyo mmogo ya khamphani ya bone le Furnmart e tswa kgakala.
Rre Dikelelo o lebogile botlhaga jwa badiri ba Furnmart, a supa fa ba le botho mo tirong.
Fa a amogela dimpho tse di akaretsang ditsidifatsi tse di tona di le pedi, motshine o o tlhatswang diaparo, setofo, microwave le air fryer, Mme Taele o ne a putsaputsa dikeledi tsa boitumelo, a supa fa a tswa kgakala e le moreki wa Furnmart.
Mme Taele o kopile setshaba go rotloetsa Furnmart ka nako nngwe e ka nna bone bafenyi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dimpho
Date : 27 Mar 2022