Breaking News

Banna ba tshwaretswe molato wa bogodu jwa leruo

27 Mar 2022

Banna ba le barataro ba itshupile fa pele ga ga mmakaseterata yo mogolwane wa Maun, Rre Thebeetsile Mulalu ka Labotlhano ka molato wa bogodu jwa leruo.

Borataro joo, Ngarizemo Hange, Uarianja Hengua, Sisco Tjetjo, Joel Hengua, Kandjee Hambura le Thasutha Banabas go belaesega ba utsule dikgomo le ditonki tsa madi a a ka tshwarang P164 500 golo gongwe Mopitlo a tlhola boferabobedi kgotsa letsatsi le le sa thomamisiweng e le leruo la ga Rre Keloitsang Ledimo kwa polasing ya Legae kwa Makalamabedi.

Babelaelwa ba ne ba tshwarwa morago ga gore kgang e begwe kwa mapodising mme ga fitlhelwa dithogo tsa dikgomo di le masome mabedi le botlhano.

Mosekisi go tswa kwa sepodising sa Botswana, Inspector Paul Basupi o ne a kopa lekgotla gore babelaelwa ba name ba tshegeditswe mo kgolegelong ka ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mme Mmakaseterata Mulalu a laola gore ba tshegediwe go fitlhelela Mopitlo a tlhola masome a mararo le bongwe.

Mo kgannyeng e nngwe banna ba le babedi ba itshupile fa pele ga ga Mmakaseterata Mulalu e ntse e le ka molato wa bogodu jwa leruo.

Bobedi joo, Kapatanisiwa Tjihumino le Allen Tjituika ba Toteng ba lebisitswe melato e le mebedi ya bogodu jwa leruo.

Mo molatong wa ntlha go belaesega fa bobabedi joo ba dira mmogo ka tumalano, e ne ya re ka Mopitlo a le lesome le bongwe kgotsa letsatsi le le sa tlhomamisiweng kwa morakeng wa Boro, ba utswa dikgomo di le masome a mabedi le bosupa tsa madi a a ka tshwarang P80 000 tsa ga Rre Goreelwang Mompati.

Mo molatong wa bobedi, bobedi joo go belaesega e rile ka Mopitlo a tlhola lesome le bongwe kgotsa ka letsatsi le le sa thomamisiweng kwa morakeng wa Boro, ba ne ba utswa kgomo e e mmala o nkwe ya madi a a ka tshwarang P5 000 ya ga Rre Dingalo Mbwe.

Ba bosekisi, ba ba emetsweng ke Inspector Basupi ba ne ba kopa gore babelaelwa ba tshegediwe mo kgolegelong ka ditlhotlhomiso di tsweletse.

Babelaelwa ba tlaa tshegediwa go fitlhelela ba ya go itshupa fa pele ga lekgotla Mopitlo a le masome a mararo le bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Tsheko

Date : 27 Mar 2022