O disa poo dingwaga di le lesome le botlhano ka lebaka la polao
27 Mar 2022
Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Mbanderu kwa Nokaneng, o atlholetswe dingwaga tse di lesome le botlhano mo kgolegelong ka molato wa polao.
Mosekisiwa Gothusang Mokwaipo o ne a lebisitswe molato o le mongwe wa go bolaya Rre Joseph Twaimango, yo e neng e le tsala ya gagwe, ka Mopitlo ka ngwaga wa 2016.
Fa a ntsha katlholo bosheng, kwa kgotleng e tona ya Maun, Moatlhodi Professor Bugalo Maripe o ne a re lekgotla le atlholetse Mokwaipo dingwaga tse di lesome le botlhano ka go na le mabaka mangwe a a dirileng gore mosekisiwa a dire molato.
Professor Maripe a re Mokwaipo o ne a tenega ka go bo tsala ya gagwe a ne a gana go mo rekela bojalwa jaaka e ne e le tumalano ya bone ya go reka ka P20 yo ba neng ba mo dirile letsatsi leo.
Lekgotla le tlhalositse fa e ne ya re bobedi joo bo omana, monnawe moswi le moswi ba dika Mokwaipo, ba mmetsa mme a ineela, a ba a boela kwa lwapeng.
A re e rile morago mosekisiwa a tla ka motsu mme a tlhaba Twaimango yo o feletseng a tlhokafetse.
Professor Maripe o ne a tlhalosa fa polao e le molato o o masisi.
O bile a re dipolao tse di bakwang ke tiriso ya ditlhabani tse di bogale di a tshwenya, e bile makgotla a tshwanetse go ntsha kotlhao e e tsisang kgalemo.
O ne a re lekgotla le ne la rekegela gore mosekisiwa o ne a ipona molato, se se supa boikotlhao gape e ne e le la ntlha dira molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Katlholo
Date : 27 Mar 2022