A masole a dirisiwe go ntshetsa lefatshe dijo 1
24 Mar 2022
Masole a Botswana a ka thusa lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng go fokotsa theko ya tsone kwa mafatsheng a sele.
Monni wa Kachikau, Rre Francis Maome, o buile jalo maabane mo phuthegong e e neng e biditswe ke lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go goga kwa tlhogong go sekasekwa ga molao-motheo.
Rre Maome a re molao-motheo o tshwanetse go tlama gore fa dialogane di wetsa ikatiso ya tsone ya ntlha ya sesole, di tseye ngwaga di lemela lefatshe leno dijo, selo se a reng e tlaa bo e le thulaganyo ya go direla setshaba.
O boletse fa dipalo tse masole a masha a thapiwang ka tsone di le kwa godimo, ka jalo dialogane di ka ntsha bodiredi fela jo bo nonofileng go ntshetsa Botswana mekoakoa ya dijo.
Mo go tse dingwe, Rre Maome o kopile gore baithuti ba kgaoganngwe ka bong go ya ka dikole.
O kgadile thulaganyo ya go tlhakatlhakanya baithuti ba basimane le ba basetsana mo dikoleng a re e rotloetsa bana go kubugela marato le tlhakanelo dikobo ba sale ba botlana.
Rre Ronald Johane ene o kopile gore molao-motheo o tsenye tsetlana ya gore motsadi yo o rontshang ngwana go tsena sekole a otlhaiwe mo go tseneletseng ka o a bo a tsuolola tshwanelo ya ngwana yoo.
O bile gape a ikuela mo molaong go sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba gwebang ka mmele.
A re gangwe le gape batho ba go nna jalo ga ba tshwarwe sentle ke ba ba rekang mo go bone, mme ka go tlhoka tshireletso ya molao, ba palelwe ke go ikuela.
Rre Johane a re molao o tshwanetse go letla gore fa ngwana a lekane go tsaya Omang, a bo a letlelesega go tsenya ikopelo setsha, a tlhalosa fa puso yone e tshwanetse go tlamega go mo abela lefatshe mo sebakeng se se kwa tlase ga dingwaga tse tlhano.
Mme Tebogo Basiane ene o gakolotse gore molao o papamale mo go sireletseng ditshwanelo tsa bana ba basimane.
A re mo makgethong a le mantsi, bana ba basetsana ba ba senang tsebe ba iphudusetsa kwa basimaneng mme e re batsadi ba tsholetsa lentswe, basetsana ba pateletse basimane gore ba ba dirisitse botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Mme Basiane a re basimane ba ba amegang ba katelwa ka dikgolegelo go sa lebisisiwa mabaka mo go tseneletseng.
Ka jalo o ne a kopa gore mo mabakeng a a ntseng jalo, basetsanyana bao le bone ba romelwe kwa kgolegelong gore ba fete ba nne le sebaka sa go itshekatsheka.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Mophaki Mohuta o kopile gore dikgosi tse di thapiwang ka dikonteraka di fiwe sebaka sa go ikopela tlhopho gape fa paka ya tsone e wela.
A re morafe e tlaa nna one o o atlholang ka tlhopho gore a ba santse ba ka nwega moro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : KACHIKAU
Event :
Date : 24 Mar 2022