Breaking News

Go ratana ga ba bong jo bo tshwanang go tsuulola molao wa Modimo

24 Mar 2022

 Go ratana kgotsa go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang go tsuulola molao wa Modimo.
Se se builwe ke dibui ka go farologana mo phuthegong ya tshokologo e e neng e buisiwa ke lekoko la tshekatsheko molao-motheo kwa Kachikau mo kgaolong ya Chobe ka Labone.
Mongwe wa ba ba kgadileng mokgwa oo ke Mme Mmadigotlo Tshatshoba yo e leng motlhoka-pono e bile e le mogodi.
“Baebele ga e letlelele batho ba ba nyalanang ba tshwana ka bong. Ba ba dirang jalo ba abo ba diragatsa dikeletso tsa bone e seng thato ya Modimo.”
 A re Bebele e tlhamaletse fela sentle gore e rile kwa tshimologong Modimo a dira monna mme morago a bopa mosadi go tswa mo legopong la monna yo  a neng a mmopile gore bobedi jo bo ate.
Ka jalo o tlhalositse fa go ratana ka bong jo bo tshwanang e le boleo jo bo ka tsisang bogale jwa Modimo jaaka go kile ga diragala kwa Sotoma le Gomora, go ya ka B aebele.
Mme Tshatshoba o kopile gore molao-motheo wa lefatshe leno o seka wa letla balaodi kgotsa ope fela go rulaganya kgotsa go tsamaisa manyalo a go nna jalo.
Mo go tse dingwe, Mme Tshatshoba o ne a kopa gore molao-motheo wa Botswana o sireletse thata ditshwanelo tsa ba-na-le bogole o bo o dire gore madi a itshetso a ba a fiwang ke puso a oketsege go tswa kwa go P500 go tsamaelana le seemo sa botshelo sa nako eno.
“Makgolo a matlhano a dipula a ka nthusa ka eng ke le sefofu? Ga ke kake ka lema, ka rua kgotsa ka bereka Ipelegeng. A madi a a okediwe gore le nna ke kgone go itshetsa,”o ne a bua jaana.
Mme Polly Maome wa kereke ya Lontone le ene o ne a gatelela mafoko a Bakeresete ka ene a re go ratana ga batho ba bong bole bongwe go tshwanetse ga kgalwa.
“A batho ba go nna jalo ba tlaa ata? Karabo ke gore nnyaya. Go a re sita re le Bakeresete go amogela mogopolo wa go nna jaana,” a bua jaana.
Le fa go ntse jalo, Mme Lame Upe wa Kachikau LGBTI Support Group o ne a tlhalosetsa lekoko le le phuthang megopolo ya go sekaseka molao-motheo gore ene le mokgatlho wa gagwe ba batla ditshwanelo di tshwana le thuto, botsogo le go go sirelediwa ke molao-motheo kgatlhanong le kgokgontsho epe fela go tswa mo setshabeng.
E rile a ntsha la gagwe, Moruti Ditshupelo Tumelo wa kereke ya Citizens of Heaven ene o ne a kopa gore molao-motheo o fetole tsamaiso ya nako eno e e tlamang yo o batlang go bula kereke gore a bo a na le maloko a le lekgolo le masome a matlhano.
Seelo se, go ya ka Moruti Tumelo se kwa godimo thata ka go seke go nna le baphuthegi ba ba tshwarang dipalo tseo mo ditirelong tsa kereke.
“A molao-motheo o busetse palo fela kwa go lesome ka gonne boammaaruri ke gore maitemogelo a rona re le baruti ke gore batho ba le bangwefela ke bone ba dikologang dikereke ka go farologana,” a tlhalosetsa lekoko.
Mo peong ya ditsha tsa kereke, Moruti Tumelo a ne a kopa gore molao-motheo o farologanye dikereke le makgotla a mangwe ka kereke e se mokgatlho o o dirang dipoelo mme o thusa mo go ageng tshaba.
Go tlhoka go fiwa ditsha ke makgotla a kabo ditsha go ya ka ene ke gone mo go dirang gore dikereke di felele di ipaya fela kgotsa di tsenela mo malwapeng; selo se a reng ga se a siama ka jaana se tsisa dikgotlhang mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojaemotho

Location : KACHIKAU

Event : Presidential Commission of Inquiry

Date : 24 Mar 2022