Breaking News

Lephata le tla simolodisa diphetogo go tokafatsa maduo

24 Mar 2022

 
 Lephata le le okametseng thuto mo Kgatleng le tla simolodisa diphetogo dingwe tse ka tsone go ikaeletsweng go fetola maduo mo Kgatleng bogolo segolo kwa sekolong se segolwane sa Molefi.
 
Se se tla morago ga gore sekolo sa Molefi se seka sa dira sentle mo maduong a mophato wa botlhano ngogola.
 
Mookamela lephata la thuto mo Kgatleng, Rre Mothusi James o boletse mo phuthego ya khansele ka Laboraro gore dingwe tsa diphetogo ke go netefatsa gore barutabana ba sala morago lenaneo kgotsa moalo wa thuto (Syllabus). Rre James a re ba tla netefatsa gore barutanana ga ba e fela kwa dikoleng go tsamaisa nako, basa rute.
 
A re gape ba tla  dira gore ba simolodise lenaneo la gore baithuti ba ithute mo mosong ba le nosi pele ga dithuto di simolola, tlhaloganyo e santse e itekanetse.
 
O boletse fa se se tla  rotloetsa kgaisano magareng ga baithuti le gore ba tlwaele go ithuta ka bo bone basa salwa morago ke barutabana.
Rre James a re lephata la thuto gape le tla sekaseka maduo a barutabana go lebilwe maduo a dithuto tse ba di rutang.
 
“Se se tla dira gore barutabana ba ikitee ka thupana go bona gore ba ntsha maduo a a nametsang.”
 
Rre James a re ba ikaelela go phutha dikomiti tsa batsadi le barutabana gore ba golagane le batsadi kwa magaeng go leka go tlhakanela dithuto le barutabana.
 
Mo go tsa botlhokatsebe ga bana, o boletse fa batsadi ba kile ba ikuela kwa kgotleng kgolo ya Mochudi gore bana ba ba senang tsebe ba otlhaiwe, mme go setswe morago tsamaiso ya molao.  “Re tla a bo re dira jalo e seng fela ka go ba otlhaya. Re tla a akaretsa le go ba sidila maikutlo.”
 
E ne e rile gole pele, makhanselara ba ngongoregela kwelo tlase ya maduo a sekolo se segolwane sa Molefi.
 
Ba re go fetile dingwaga di le mmalwa Molefi e ntse e le kwa mokotong mo maduong a lekwalo la botlhano.
 
Ba ne ba bolela gape fa botlhokatsebe kwa sekolong seo bo golela pele ka jaana bana ba sa laolesege e bile ba gwanta mo mekgwatlheng ka digongwana morago ga sekolo.
 
Makhanselara ba supile fa tlhobaediwa ke bokamoso jwa bana mo Kgatleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 24 Mar 2022