Breaking News

Balemi ba rotloediwa go lwantsha mhero

24 Mar 2022

Balemi ba gakolotswe go ikopanya le balemisi pele ga ba dirisa dichefi ka di le borai mo bathong le mo lefatsheng.
Kgakololo e ntshitswe ke Rre Sentle Barileng wa marekisetso a Agrichem kwa dithutong tsa go laola mhero wa tlolela kwa masimong a Kopye bosheng. 
 
O gakolotswe balemi go itse mofuta wa mhero o ba batlang go o laola fa ba ile go reka dichefi.
  Rre Barileng supile fa mefuta ya mhero e le mebedi, wa ntlha e le wa mofuta wa bojang fa o mongwe o le wa matlhare a makima.
 
A tlhalosa fa diji le tsone di tshwenya mme molemi o tshwanetse go tlhalosa gore diji di senya dijwalo tsa gagwe di le fa kae.
Rre Barileng o tlhalositse fa go na le chefi e e sa tlhaoleng e e dirisiwang go tlhagola pele ga o lema, mme yone e bolaya peo e e setseng e dule.
 
O tlhalositse fa mabentlele otlhe a a rekisang ditswa temong a na le teseletso ya go rekisa dichefi. 
Rre Barileng o tlhalositse fa dikupu tsa dichefi di sa tshubiwe mme di tshwanetse go bewa sentle fa go faphegileng di sena go tlhatswiwa gararo, di bo di phunngwa maroba.
 
 Mogolwane go tswa kwa go ba tshireletso dijwalo Rre Peter Thero, o ne a supa fa balemi ba iponetse ka matlho gore masimo a a peitilweng bontlha bongwe le a a sa peitiwang mhero wa tlolela a farologana jang.
Rre Thero o kopile balemi gore fa ba dira mananeo a gore ba ya go lema eng, ba dire le a gore ba ya go lema, le go tlhagola jang ba dirisa mofuta ofe wa go tlhagola le gore ba go laola jang diji tse di ba tshwenyang.
 
A ba kopa gape gore mananeo a, ba a dire mo nakong e e tshwanetseng, le gore fa ba dirisitse chefi go tlhagola fa go na le mhero o o salang o tswa kwa morago ba o tlhagole gore o seka wa jwala peo gape.
O tlhaloseditse balemi gore ba tshwanetse go nna le diaparo tse di tshwanetseng tsa itshireletso fa ba dirisa dichefi jaaka ditlhako, dioborolo, diatlana, dibipalomo le digalase tse di bipang matlho.
 
Balemi ba ne ba tlhalosa fa ba itumeletse dithuto tseo, ba supa fa ba tla a iteka go reka chefi e e bolayang mhero wa tlolela.
Ba supile gape fa ba lemogile gore chefi eo e a tura mme go le botlhokwa gore ba dire bontlha jo bonnye fa ba lemang teng go fitlhelela ba fenya mhero oo.  
 
Ba supile fa ba ne ba setse ba itlhoboga go lema ka ntlha ya bojang jo.
 Rabalemisi wa kgaolo ya Kweneng Rre Kebaabetswe Koti o ne a tlhalosa fa ba na le dingwaga di le pedi ba sa fe balemi dithuto ka ntlha ya mogare wa COVID-19.
Rre Koti o supile fa ba tshwenyega ka maduo a thobo a a kwa tlase mme ba dirisitse madimadi mo temong.
 
Rabalemisi o tlhalositse fa lenaneo la ISPAAD le fedile ngwaga tse pedi tse di fetileng, mme a kopa balemi gore ba emele le le tlang.
O gakolotse boraditerekere gore ngwaga wa ga goromente o fedile ka jalo madi a fedile, mme ba a solofele dituelo kgwedi ya Moranang.
O kopile balemi go fefogela go saenela bolema fa ba sena go lemelwa. 
Are fa go tswalaelwa molemi a ise a saenele bolema o tla ituelela raterekere. O kopile balemi ba ba nang le didiba go lema merogo ka jaana melelwane e  tswetswe gore go se nne le merogo e e tswang kwa ntle ga lefatshe leno.
Fa a leboga molemi wa masimo a Botlhoko Rre Kablay Motseonageng o ne a supa fa ba ne ba tsile go ithuta ka go tlhagola ga sesha.
O supile fa ditlhwatlhwa tsa dijo le didirisiwa tsa diterekere di tsholetsega, mme tsa dijwalo tsone di kgoba marapo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 24 Mar 2022