Breaking News

A molao o se pateletse magosi go tlogela tiro

23 Mar 2022

Mokgatlho wa Murwa-Liswani Chieftainship Review and Resettlement Association o ikuetse mo pusong go sekaseka ditsamaiso dingwe tsa bogosi tse o dumelang fa di amoga magosi seriti sa one.

Fa o itekodisa lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo ka Laboraro, mokgatlho oo, o o tswang kwa motseng wa Parakarungu o ne wa kopa gore thulaganyo ya gore dikgosi di tlogele tiro ka bogodi e fetolwe.

Moemedi wa mokgatlho Rre Moffat Mwezi o tlhaloseditse lekoko fa mo ditsong tsa merafe ya lefatshe la Botswana magosi a ne a tshegetsa maemo a bogosi go fitlhela ba a tlogedisiwa ke botsofe kgotsa leso.

A re se se ama segolo bogolo ka e le tshwetso ya babusi ba sepolotiki, a tlhalosa fa go sa jese di welang gore e re sepolotiki se thailwe bogosi bo ntse bo le teng se bo se gatelela magosi ebile se a tseela ditshwetso tse di a bayang ka fa mosing.

Rre Mwezi o ne ka jalo a kopa gore dipaakanyo tsa molao-motheo di akaretsa ntlha e, gore dikgosi di tle di seka tsa kgaupediwa go diragatsa boikarabelo jwa tsone jwa go goga merafe ya tsone.

Se sengwe se a kopileng gore se fetolwe ke phiro ya dikgosi go nna badirelapuso, a bolela fa se se sa lebana ebile puso e se dirisa go apola dikgosi seriti sa tsone.

Rre Mwezi a re go a tshwenya go bo mo kgaolong yotlhe ya borwa jwa Aforika lefatshe leno e bo e le lone fela le mo go lone dikgosi di thapiwang di bo di amogedisiwe ke puso.

Sebui seo se ne gape sa kopa gore molao-motheo o tlame puso go agela dikgosi bonno jwa segosi (institutional houses) kwa di tlaa direlang ditiro tsa bogosi teng, le gore matlo ao a tlhokomelwe ke puso, mme dikgosi tsa morafe ka go tlhatlologana ga tsone di direle ditiro tsa morafe mo go one.

O boletse fa se se ka fa dikgosi seriti ka jaana di tlaa kgona go farologanya ditiro tsa tsone ka esi le tsa morafe ka tse di sa ameng morafe ba tlaa di tshwarela kwa malwapeng a tsone kwa morafe o senang seabe teng.

Fa a bua mo potsolotsong monni yo mongwe wa Parakarungu Rre Johnson Mabutha, yo o kileng a etelela lekgotla le le neng le lwela gore morafe wa Basubiya o lemogwe ka fa molaong, ene o ne a nesetsa pula tshekatsheko ya molao-motheo a re e ba fa tsholofelo ya gore morafe wa gaabo o tlaa lemogwa o bo o akarediwa mo molao-motheong wa Botswana.

Rre Mabutha a re go ya ka dikwalo tsa ditso merafe ya lefatshe leno e e sa tlholegang e bua puo ya Setswana e gorogile mono pele ga e e robangbobedi e e buang Setswana, mme a bolela fa go le maswabi gore e e thibeletseng pele e bo e sa lemogwe ke molao.

Go sale foo, monni yo mongwe Rre John Maenga o ne a kopa gore kgaolo ya Chobe e fetolwe leina go bidiwa Itenge.

A re Itenge yoo ke ene leina la boamaaruri la kgaolo eo, e a boletseng fa kwa go thaiweng ga yone ka dingwaga tsa bo 1400 e ne e eteletswe pele ke Kgosi Munitenge.

Rre Maenga o tlhalositse fa leina Chobe e ne e le la matshameko le badiri ba khamphani ya Timber Concession ya lefatshe la Zambia ba neng ba le dirisa ka dingwaga tsa bo 1953 ba re ba ‘choba’ dikiribane fa ba theogetse.

 Mo godimo ga moo, Rre Maenga o ne a supa fa ba eletsa gore morafe wa bone wa Basubiya le one o fetolwe leina go bidiwa Veekuhane, a tlhalosa fa leo e le lone leina la bone la tlholego.

A re la Basubiya fela jaaka leina Chobe ke la matshameko mme le ne le ba kaya e le batho ba mmala o morokwa kana o moswaana. BOPA

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : PARAKARUNGU

Event : Presidential Commission of Enquiry

Date : 23 Mar 2022