Bojang jwa tlolela bo ka fenngwa
23 Mar 2022
Bojang jwa tlolela jo bo apesitseng balemi ka letshoba bo ka fenngwa ka go tshelwa molemo kana chefi e e ka bo bolayang.
Mafoko a, a boletswe ke mmadijwalo kwa ofising ya Letlhakeng Mme Evelyn Ramontshonyana jaaka fa ba ne ba supegetsa balemi ba kgaolo ya Ditshegwane tshimo ya ga Rre Sekaonyana Keagomang kwa masimong a Dire maiteko a bone a go lwantsha bojang jo bo neng bo apesitse tshimo eo yotlhe.
O supile fa maikaelelo a tiro e le go ithuta ka fa ba ka fenyang bojang jo ka teng go thusa gore tiro ya go roba e seka ya nna bokete ka ba felelela ba phuaganya dijwalo ba tshaba bojang jo.
Mme Ramontshonyana o tlhalositse fa ba ne ba dira tekeletso mo tshimong ya ga Rre Keagomang mo diekereng di le nne. O ne a supa fa chefi eo e ka dirisiwa pele ga molemi a lema, kana a lema pele a bo a jwala ke gone a bo a e tshela pele ga malatsi a mararo a wela. O tlhalositse fa ba ne ba bona pharologanyo ka jalo ba bitsa balemi go tla go tsaya malebela.
Mmadijwalo o tlhalositse fa ba ne ba kopantse chefi eo le e e bolayang mhero wa matlhare a makima, mme ba dirisitse dilithara di le nne mo go bolayeng mhero wa tlolela. Are ba ne ba dirisisa dilithara tse di robang bobedi mo go o o bolayang bojang jo bo matlhare a makima mo ditemeng di le nne.
Mme Ramontshonyana o tlhalositse fa metsi a kgaolo e, a le letswai mme ka jalo le one a tlhoka go baakanngwa pele ga a dirisiwa mo dichefing. Fa a tlhalosa, Rre Keagomang are o ne a sa ikaelelela go lema ka ntlha ya bojang jwa tlolela, mme a itekodisa molemisi wa gagwe.
O tlhalositse fa molemisi a ne a mo latela ka kgwedi ya Hirikgong mme a mo kopa go lema tema tse nne ka maikaelelo a go lekeletsa chefi ya tlolela mo tshimong ya gagwe.
O tlhalositse fa keletso e ne e le gore pula e kabo e nele fa ba sena go tshela chefi eo gore molemo o aname le mmu sentle.
Rre Keagomang o ne a kopa balemi ka ene go kolekela chefi eo ka e tura, a bo a leboga ba ofisi ya balemisi ka a ne a sa solofela go lema monongwaga.
Rre Kabo Ngwanathebe wa masimo a Kopye yo le ene go lekileditsweng chefi kwa tshimong ya gagwe o tlhalositse gore le fa chefi eo e bolaya mhero wa tlolela go ne ga nna le matlhasedi a a neng a tswa, mme ba tlhagola gore a seka a ntsha peo.Modulasetilo wa balemi Rre Moeti Nkgoko o ne a supa fa ba itumela ka jaana ba bona maiteko a balemi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 23 Mar 2022