Breaking News

Taunyane sekgantshwane sa poko ya Setswana

23 Mar 2022

 Fa Mme Galenkgathe Taunyane wa Majwanaadipitse a simolola poko ya Setswana ka ngwaga wa 2014 o ne a sa itse gore e tlaare nako nngwe e bo e le sekgantshwane.

Mme Taunyane yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano a re fa a simolola go boka o ne a dira ditekeletso ka a ne a na le kgatlhego mme gape a sa itshepe gore a o tla a fitlha golo gongwe.

A re se se neng se mo thibela gape go ntshetsa poko ya gagwe kwa ntle e ne e le gore o ne a tshaba matlho a batho. Are o ne a felela a utlwa a nna le tlhotlheletso ya go ntsha maikutlo a gagwe ka poko. Poko ya ga Mme Taunyane e akaretsa dilo di le dintsi di tshwana le matshelo a batho, tikologo, diphologolo, maikutlo a gagwe ka nako eo, dikakanyo tse a nang le tsone le tse dingwe.

Mo dinakong tse dingwe fa a laleditswe mediro mengwe e tshwana le manyalo le meletlo mengwe o kgona go kwala leboko ka sengwe fela se a kopiwang gore a boke ka sone.

Fa Mme Taunyane a tsena mo seraleng, o tsena ka mashetla a dirisa mafoko a Setswana a a nonneng mme e re a fetsa poko ya gagwe a ipoke a supa kwa a tsaletsweng teng le gore ke mang.

A re botsipa jo jwa poko ke neo fela e e tswang kwa Modimong ka a sa rutiwa ke ope e bile a sale a e ratile a santse a tsena sekole.

Mme Taunyane a re e ne ya re nako nngwe a ntse a le mo lwapeng ka ngwaga wa 2014 mongwe a mo kopa gore a ikwadisetse dikgaisanyo tsa ba lephata la botaki le bodiragatsi  mme a seka a ipona tsapa.

O ne a tsaya malatsinyana a ipaakanyetsa letsatsi la dikgaisanyo ka e ne e le lantlha a ya go supa botsipa jwa gagwe mme yare le goroga a ya go iteka lesego mme a kgona go tsaya maemo a bobedi. A re ka nako eo ba ba neng ba ile dikgaisanyong tsa poko ba ne ba ferabobedi ka palo mme a kgona go fetela kwa legatong la bobedi kwa a neng a tsaya maemo a ntlha mme seo sa mo rotloetsa fela thata. A re o ne a felela a ya sekoleng sa tiro ya diatla kwa Serowe Brigade mme fa a wetsa dithuto tsa gagwe a tswelela ka tiro ya gagwe ya poko.

Ka ngwaga wa 2017 o ne a tsenelela dikgaisanyo tsa botaki le bodiragatsi gape mme a tsaya maemo a ntlha.

Mme Taunyane a re e ne ya re gape ka ngwaga wa 2018 a tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona mme a tsaya maemo a ntlha mo legatong lengwe le lengwe la dikgaisanyo go fitlhelela la bofelo le le neng le tshwaretswe kwa Gaborone.

A re se se ne sa mo gwetlha go dumela fa a na le bokgoni ke ka fa matshwititshwiti a batho a a neng a ile go reetsa baboki a neng a mo itumelela ka teng kwa Gaborone fa a sena go boka.

Mo nakong eno Mme Taunyane o itshetsa ka poko e bile madi a a dirang ka poko a mo thusa go reka tse a di rekisang mo semausung sa gagwe.

Mmoki yo a re go le gantsi o laletswa ke ba maphata a puso ka go farologana fa ba na le tiro go tla go natefisa letsatsi la bone e bile o kgona go laletswa ke batho ka go farologana. 

A re o na le keletso ya go kwala buka ya poko mme mo nakong eno o mo letsomong la yo o ka mo thusang ka madi gore a kgone go tsweledisa ditoro tsa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2022