Breaking News

Babereki ba rotloediwa go lwantsha tsenyetso sechaba

23 Mar 2022

Mogolwane kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo (DCEC), Rre Boago Koloi o rotloeditse babereki ba Serowe Administrative Authority (SAA) go nna le seabe go lwantsha tshenyetso setshaba.

Rre Koloi o buile se kwa dithutopuisanong tse di neng di tshwere ke DCEC le SAA kwa Serowe ka Labobedi.

A re tshenyetso setshaba e kgona go bakiwa ke go tlhaela thuto ga badirelapuso, mme ke sone se ba boneng go tshwanela go dira dithuto tse ka maphata a puso a na le boikarabelo jwa go thusa mo twantshong melato e.

Rre Koloi a re tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo di na le manokonoko a mantsi mo itsholelong ya lefatshe.

 A re dipalo tse di kwa godimo tsa tshenyetso setshaba, di ka senya leina le seriti sa lefatshe gammogo le go baka gore babeeletsi ba seka ba nna le kgatlhego ya go beeletsa mo go lone. O tlhalositse fa dipalo tsa tshenyetso setshaba mo Botswana di gola mme se, se tlhobaetsa ebile se tlhoka go potlakelwa.

A re babereki ba puso ba ka thusa DCEC mo ntweng e ka go ba loma tsebe fa ba bona sepe se se fatlhang leitlho.

A re gape ba ka ithuta melao e e laolang maitsholo a bone fa ba le mo tirong ka se se ka kganelamg gore ba iphitlhele ba tsere karolo mo melatong ya tshenyetso setshaba.

Rre Koloi o rotloeditse bagolwane ba maphata a SAA go netefatsa gore ba ela tlhoko thata se babereki ba se dirang, gore ba kgone go lemoga ka pela fa go ka nna le tsheyentso setshaba.

O tlhalositse fa DCEC e lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka bonya jwa go tseelwa dikgato ga ba ba dirileng molato mme se se felela se dira gore ba lebege ekete ga ba dire tiro. A re kgwetlho e nngwe ke bokete jwa go rarabolola dikgang tsa tshenyetso setshaba ka badira-molato ba kgona go dirisa maranyane go nyeletsa bosupi.

O tlhalositse fa dikgang tsa tshenyetso setshaba tse ba di tlhotlhomisang di akaretsa pipamolomo, go dirisa maemo botlhaswa le go amogela madi mo boemong jwa go fa ditirelo tsa puso.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele ya legare, Mme Motshedisi Mmolawa, o akgoletse DCEC go bo ba bone go le maleba go tshwara dithuto tse ka thuto e le yone e ka tlhotlheletsang batho go fetola maitsholo le dikakanyo tsa bone.

A re e re ka segajaja sa COVID-19 se digile maikutlo a batho kwa ditirong ebile se bakile mathata a madi mo mongwe le mongweng, babereki ga ba a tshwanela go raelesega go nna le seabe mo tshenyetsong setshaba.

O tlhalositse fa ditlamorago tsa teng di le botlhoko ka motho o ka latlhegelwa ke tiro kgotsa a ya kgolegelong.

Mme Mmolawa o gakolotse babereki go kopa thuso mo bogoging jwa bone fa ba bona go na le sepe se se belaetsang e le tshenyetso setshaba kgotsa go gopela itsholelo.

Mongwe wa batsenelela dithuto, Rre Maatla Morokotso, yo eleng mmereki kwa SAA, a re dithuto tsa go bereka (induction) ga di a tshwanela go diegelwa fa motho a simolola tiro ka di le botlhokwa go ruta motho tse a tshwanetseng go di dira le tse a sa tshwanelang go di dira mo tirong.

Rre Segopolo Sesa wa lephatha la ditima-molelo ene o kopile gore batho ba ba lomang tsebe ba sirelediwe kgatlhanong le badira-melato ya tshenyetso setshaba, a re e seng jalo, babereki ba tlaa tshaba go bua fa ba bona melato e diragala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : SEROWE

Event : Dithuto puisano

Date : 23 Mar 2022