Breaking News

A ba ba rekisetsang bana diritibatsi ba gamolwe

23 Mar 2022

Banni ba dikgotla tsa Mannathoko le Bokhurutshe kwa Serowe, ba kopile puso go gagamaletsa batsadi ba ba rekisetsang bana ba dikole diritibatsi le ditagi, molao.

Ba re go rekisetsa bana diritibatsi le ditagi ke go ba senyetsa isago ka bangwe ba setse ba tlhakane ditlhogo ke ditagi, ba tlhoka  maitseo, ba tlogela sekole e bo e nna morwalo wa puso.

Batsadi ba ntshitse dingongora tse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Tshekedi Khama ka Labobedi.

Ba re batsadi bangwe, ba baya dimausu fa dikgorong tsa dikole ba dira ekare ba rekisa dijo mme ba patagantse le go rekisa diritibatsi, bogolo jang motokwane.

Go dira jalo ba re ke go tlhoka boikarabelo ka go feletsa go digela maduo a dikole kwa tlase mme puso e dirisa madi a mantsi go ruta bana gore ba nne le bokamoso jo bo kgatlhang.

Batsadi ba boletse fa diritibatsi di dira gore bana ba nne bodipa le go sa kgatlhegele thuto mme pheletsong ba nne dirukutlhi ka sekole se a bo se padile.

Ba re gape ba felela ba thubediwa ka gore yaare morago ga go dirisa diritibatsi, segolo jang bosigo, dilalome di bone tshono ya go itshegela mogodu ka fa mmotong.  Batsadi ba kopile gore bana e nne boikarabelo jwa batsadi le barutabana, e seng go ba ya sengwe le sengwe mo barutabaneng le puso ka go dira jalo go isa maduo a thuto kwa tlase. Mopalamente

Khama o ne a lekodisa banni ka palo batho e e tsweletseng, a ba rotlotsetsa gore ba balwe, go thusa puso go dira ditogamaano tsa ditlhabololo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : phuthego ya mopalamente

Date : 23 Mar 2022