Ngami e ikaelela go ipelela Amantle Montsho
23 Mar 2022
Khansele ya kgaolo ya Bokone Bophirima e ikaelela go dira moletlo go ipelela mmampodi wa pele wa lobelo la 400m Amantle Montsho.
E rile a bua kwa bokapanong jwa khansele e, Modulasetilo Rre Kebareeditse Ntsogotho a ntsha mogopolo wa go ipelela Mme Montsho a re motabogi yo, o tlotlomaditse lefatshe la Botswana thata mo go tsa mabelo.
A re go bo Mme Montsho e le ngwana wa Maun go ba dira motlotlo thata mme ba ikaelela gore talente ya gagwe e tswele batabogi ba ba tlang kwa morago mosola.
Rre Ntsogotho a re go ipela mo go ka dirwa ka metlhale e mentsi e akaretsa moletlo wa dijo kana lobelo le le bitswang ka leina la motabogi o wa pele.
Modulasetilo o ne a kopa gore batho ba tswe ka megopolo e e kgethegileng gore Montsho o ka ipelelwa ka tsela e ntseng jang.
O tlhalositse fa batabogi ka bontsi ba tswa mo kgaolong ya Ngamiland ka jalo a re go maleba gore bana ba ba ipelelwe ke bangwe ka bone mo kgaolong.
O buile fa metshameko e le botlhokwa thata mo botshelong ka go itshupile fa bana ba Batswana ba tshela ka talente ya bone ya go taboga.
Rre Ntsogotho a re metshameko ga e sa tlhole e le itloso bodutu fela ka jalo goromente le dikompone tse di ikemetseng di tshwanetse go ema batshemiki nokeng go tlhomamisa gore talente ya mabelo e a godisiwa.
Modulasetilo o tlhalositse fa a ne a rulaganya bokopano le setlhopha sa Botswana se se neng se le kwa di Olympics le kwa mabelong a mafatshefatshe a batabogi ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi morago ga ba tswa kwa dikgaisanong tse.
A re o dirile se ka a ne a lemoga botlhokwa jwa go ema nokeng ditlhopha tse segolo bogolo jang ka ba dirile ditso go gapa dietsele kwa mabelong a.
Rre Ntsogotho a re o dumela fa Mme Montsho a na le botsipa le maele a a ka a amoganang le bo mmotlana gore ba kgothatsege ebile ba tsoge ba nna dikgantshwane jaaka ene.
O tsweletse ka go bua fa Mme Montsho a diretse lefatshe la Botswana go tlala ka diata ka a tsholeditse folaga ya Botswana kwa metshamekong ya mafatshe a selakanyo (Commonwealth) le mabelo a matona a mafatshe.
E rile ba mo tlatsa, makhanselara ba dumalana ka bongwe fela gore go botlhokwa go lemoga ditso tse Mme Montsho a di dirileng go tlotlomatsa lefatshe la Botswana. BOKHUTLO
Ba ne ba bua fa nako e gorogile gore ba thulantshe ditlhogo le batsaa karolo botlhe mo kgaolong go direla Mme Montsho moletlo o faphegileng go mo leboga. Bokhutlo.
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : bokapano jwa khansele
Date : 23 Mar 2022