Banni ba rotloediwa go tsaa mananeo ka thwaafalo
23 Mar 2022
- Bontsi jwa dikgwebo tse di thusitsweng ka lenaneo la Nyeletso Lehuma kwa Selebi Phikwe di phutlhame ntateng ya boitseme.
Se se builwe ke ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana ka Mosupologo, kwa phuthegong ya kgotla e maikaelelo magolo a yone e neng e le go rerisana ka ditlhabololo tsa Selebi Phikwe.
A re itsholelo ya toropo e mo diatleng tsa bone, go e tsosolosa ka go tlhama mebereko.
Rre Modimana o supile fa go dirisitswe madi a mantsi ka lenaneo, go leka go ntsha batho mo lehumeng mme bontsi jwa dikgwebo tseo, di sa tlhole di le teng.
O supile fa go ne go na le dikgwebo tse ditona, tse go neng go solofetswe gore e tlaare mo tsamaong ya nako, di itshetlele go tlhama ditiro mme mo nakong ya gompieno, di phutlhame.
A re se, ke tshenyetso setshaba ka madi ao a ka bo a dirisitswe go dira ditiro tse dingwe go thusa Batswana.
O rotloeditse banni go dirisa sebaka se ba se neetsweng, a supa fa itsholelo ya mafatshe e tsweletse ka go wela tlase mo nako dingwe go tsileng go tlama puso go seegela dithuso dingwe kwa thoko ntateng ya letlhoko la madi.
Rre Modimana a re se se botlhoko ke gore bontsi jwa ba ba neng ba thusitswe ka mananeo ke bone ba gompieno ba lwelang Ipelegeng le bagolo.
Molaodi wa Selebi Phikwe, Rre Mokgethi Mfila o supile fa go seegetswe kwa thoko lefatshe la kgwebo la diekere tse di masome a mabedi le boraro, go thusa ba ba senang kwa ba ka direlang kgwebo teng.
Rre Mfila o supile fa kgwetlho kgolo e le metsi le motlakase mme boeteledipele jwa toropo bo santse bo le mo dipuisanong go rarabolola se.
A re maikaelelo ke gore e re kgwedi ya Moranang e ya fifing, ba bo ba teratetse diekere tse tlhano mme se, se tlaa dirwa ka therisano le morafe wa Botshabelo.
Modiri go tswa kwa LEA, Rre Eric Otukile o kgothaditse banni ba Botshabelo go ikopanya le maphata, go ba thusa go bopa megopolo ka tsa kgwebo.
O supile fa mmaraka o le teng bogolo jang mo go tsa meepo mme go tlhoka fela gore Batswana ba eme ka dinao, go ikopanya ba bopa dikoporase ka di le bogadi bogaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2022