A molao o rotloetse ngwao
22 Mar 2022
Monni wa Pandamatenga Mme Mado Namson o ikuetse mo Batswaneng go tswelela ba tshegeditse dingwao le mekgwa ya bone ya bogologolo le mo dinakong tse bontsi jwa dilo di fetogelang kwa sesheng.
Fa a fa sekai ka Labobedi kwa phuthegong e e neng e biditswe ke lekoko le le romilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo, Mme Namson o kaile fa Batswana bangwe ba wela mo isong ka ntlha ya go tlhaela kitso ya temo ya metlhale le didirisiwa tsa sesha.
A re mo malobeng fa go ise go tle ditlhabololo tse di kalo, batho ba ne ba itirela dijo ba dirisa methale ya nako eo ya temo, mme a supa puso ka monwana go bo e ne ya ntsha batho mo go direng seo ka go ba gogela mo mehuteng ya sesha ya go lema.
A re go sa kgoneng go itepatepanya le diphetogo go feletse go tlogela Batswana bangwe mo tlaleng e e ngomolang pelo e pele ba neng ba sa e itse.
Monni yoo o ne a kopa puso gore e tlhomamise gore methale ya sesha ya go dira dilo ga e latlhise setÅhaba sa lefatshe leno mekgwa ya botlhokwa e e neng e ntse e ikaegile ka yone. Rre Saenete Mashapula ene o ne a ntsha mogopolo wa gore lenyalo la kwa ga molaodi le ilediwe ka fa molaong.
A re mohuta oo wa nyalo o rotloetsa go gatakwa ka dinao ga tsamaiso ya Setswana ya go rera lenyalo ka jaana bobedi bo ka patiwa ke ditsala mme ba nyalana ntle le kitso ya batsadi.
Se, a re se nyenyafatsa botlhokwa jwa morero ebile se tlhofofatsa seriti sa lenyalo. Rre Mashapula o ile a boa a kopa gore kotlhao ka thupa e boele mo dikolong tsenya bana mo tseleng.
A re kwelotlase e e tsweletseng ya maduo a baithuti e bakwa ke go sa letlelelweng ga thupa, selo se a kaile se tlhotlheletsa botlhoka-tsebe mo baneng.
Monni Rre Latelang Bengani o ne ene a kopa gore Ntlo ya Dikgosi e ikemele ka nosi gore seabe sa yone se tle se itshupe sentle, a supa fa go se maleba gore e bo e le bontlha bongwe jwa palamente.
Rre Bengani o bile gape a re tona ka e le lepolotiki e se ka ya nna ene a tshereganyang dikgotlhang tsa bogosi, mme boikarabelo jwa go dira jalo bo tlogelelwe Ntlo ya Dikgosi ka yone maloko a yone a tlhaloganya dikgang tsa bogosi ka botlalo. Fa a ama di sele o ne a bolela fa nako e gorogile ya gore mapodisi ba ithole tiro ya bosekisi mme ba lebagane fela ya go tlhotlhomisa ba bo ba rolela ba ba maleba dikgang go di seka.
Rre Badumedi Seoseng ene o ne a ngongorega ka letlhoko la ditiro a re le paledisa Batswana go itshetsa le go tlamela ba malwapa a bone.
Le fa go le jalo, o ne a lebogela lekoko go bo le etetse motse wa gaabo a re seo se ba fa tsholofelo ya gore kgabagare puso e tlaa sekegela tsebe matshwenyego a bone mme e dire maiteko a go ba nolofaletsa mabaka a botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : PANDAMATENGA
Event : Presidential Commission of Enquiry
Date : 22 Mar 2022